Breaking News

A setshaba se rutwe ka ditlhopho

06 Mar 2022

Kitso ka ditlhopho le botlhokwa jwa go tsaa karolo mo go tsone ke dingwe tse di patikang gore setshaba se fiwe thuto e e tseneletseng ka tsone.

E ne ya re a rolela lekgotla le le tlhomilweng ke Tautona go sekaseka molao-motheo megopolo ya makgotla a farologaneng ka Labotlhano, monni wa motse wa Good Hope Rre Omphile Makhokhoba a supa fa go le matshwanedi gore molao-motheo o nne le tsetlana e e tlamang gore setŝhaba se rutwe ka ditlhopho.

Rre Makhokhoba o kaile fa lekgotla la tsamaiso merero ya ditlhopho le tshwanetse la patelesega ka fa molaong go ruta setshaba ka ditlhopho le tsamaiso ya tsone gore se tle se tsee boikarabelo jwa go nna le seabe mo ditlhophong se nale kitso e e tletseng.

Mo ntlheng e nngwe, Rre Makhokhoba o ne a kopa gore molao-motheo o nne le tsetlana e e fang Batswana tshwanelo ya go bereka, selo se a kaileng fa se tlaa tlama puso go tlhomamisa gore go nna le diphatlha tsa mebereko tse di lekaneng gore ope yo o mo dingwageng tsa pereko a bo a ka bona tiro a bereka.

Rre Makhokhoba o ne a gape a bolela fa go le botlhokwa ebile go lebane gore molao o tlame puso go abela Motswana mongwe le mongwe setsha fa a goroga mo dingwageng tse di letlang gore a nne le lefatshe.

Mo go reng Tautona e bo e le ene fela yo o nang le thata ka fa molaoong ya go itshwarela badiramolato, Rre Makhokhoba o ne a kopa gore seo se fetolwe, mme mo boemong jwa moo go tlhongwe lekoko le le tlaa rwalang boikarabelo jwa go sekaseka mabaka a a ntshiwang ke baikopedi ba boitshwarelo le go tsaa ditshwetso tse di maleba.

Rre Shima Kgaswane, yo ene a neng a emetse makgotla a babereki o ne a kopa gore molao-motheo o akaretse tsetlana e e sireletsang tshwanelo ya babereki ya go ka ngala tiro.

A re le fa ngalo ditiro e le teng mo melaong e e teng ya tsa pereko, seo ga se a lekana, ka jalo a bolela go le botlhokwa gore tshwanelo eo e papamadiwe mo molao-gore e tle e sireletsege botoka.

Rre Kgaswane o ne a boa a kopa gore seelo se se beilweng sa dituelo se mohiri a sa tswanelang go wela kwa tlase ga sone se akarediwe mo molao-motheong. Go sale foo, o tlhalositse fa kakaretso eo ya sone e sa tshwanela go iletsa gore se ka nna se sekasekwa gangwe le gape go tlhomamisa gore se tsamaalana le mabaka a pereko le phetogo ya one.

Mo boemong jwa komiti ya balemi-barui, Rre Monamodi Matsididi ene o ne a bolela fa nako e tsile ya gore go seka ga tlhola go nna le leruo le gotweng ke matimela. Rre Matsididi o itsisitse lekoko fa go tla go tsena mo nakong eno go setse go dirilwe maiteko a a tlalang ka diatla a go tlhofofatsa go latedisa motlhala wa leruo a akaretsa go le jesa Omang, go le baa tshipi ga mmogo le go le rwesa manyena. Tse tsotlhe a re di ka kgontsha puso go batlisa leruo beng ba lone mme go seke go tlhokege gore go bo go katwe go na le matimela.

A re molao-motheo jaanong o tshwanetse wa tsenngwa tsetlana e e nyeletsang kgang ya matimela. Mo ntlheng e nngwe e e amang barui, moemedi yoo wa balemi-barui o ne a kaya fa bogodu jwa leruo bo apesitse Batswana kobo ka letshoba, mme seemo seo se bifisiwa ke tshwanelo ya basekisiwa ba dikgang tsa bogodu jwa leruo ya go ka isa ditsheko tsa bone kwa makgotleng a ga mmakaseterata.

Seemo se, se a kopileng gore molao o se iletse ka go tlama gore dikgang tsa bogodu jwa leruo di sekwe fela kwa makgotleng a Setswana, a re se tlogetse barui ba le bantsi ba iphotlhere ka gantsi ba latlhegelwa ke dikgang ka ntlha ya go sa nonofang ga makgotla a ga mmakaseterata go ka tsamaisa ditsheko tsa motlhale oo.

Rre Matsididi a re makgotla a Setswana a tswa bogologolo a dira tiro e ntle ya go seka dikgang tsa leruo ka jaana magosi ba tlhaloganya tlhaloso ya mebala le matshwao a leruo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : GOOD HOPE

Event : Tshekatsheko ya molaomotheo

Date : 06 Mar 2022