Serule Masters e abela bana ba Bonwatlou
06 Mar 2022
Mokgatho wa kgwele ya dinao wa Serule Masters Social Club o lebogetswe go bo o itlamile go lepalepana le dikgwetlho tse ngwana wa mosetsana a kopana natso.
Se se builwe ke mogokgo wa sekole sa Bonwatlou kwa Serule , Rre Kwenakgolo Tokwe bosheng jaaka Serule Masters Social Club e ne e abela basetsanyana ba sekolo se segolwane dimpho, tse di akaretsang melora e e tlhapang, e e tlhatswang le mesangwana ya bomme.
Rre Tokwe o tlhalositse fa sekole sa Bonwatlou se na le baithuti ba le 665 mme ba le 319 e le basetsana, a supa fa bontsi jwa bana ba tswa mo malwapeng a itsholelo e e kwa tlase.
A re se se dirilweng ke Serule Masters Social Club se tshwanetse go lebogelwa thata ka se tlaa dira pharologano e ntsi mo matshelong a bana.
Rre Tokwe a re nako dingwe boeteledipele jwa sekole le barutabana ba patelesega go tsiboga go thusa bana ka go a bo go sena se batsadi ba nang le sone go tlamela ngwana.
Fa a rola dimpho moanamisa mafoko wa setlhopha, Rre Kabelo Sdambo o supile fa ngwana wa mosetsana a lebanywe ke dikgwetlho tse di thata tsa botshelo tse nako dingwe di ka felelang di ama thuto ya gagwe.
Rre Sdambo a re nngwe ya tsone ke go bona setswalo kgwedi le kgwedi mme e le seemo se motho a senang taolo mo go sone, a re ga se botlhe ba ba kgonang go reka tse ba ditlhokang ka lebaka la itsholelo e e kwa tlase.
A re ka jalo e le ba setlhopha sa Serule Masters Social Club e bile bontsi jwa bone ba tsene kwa sekolong sa Bonwatlou ba ne ba thulanya ditlhogo go batla madi go thusa.
Moemedi wa setlhopha a re ka maikaelelo le maikemisetso a bone e le go thusa fa go nang le letlhoko teng ba ne ba kgona go kokoanya bonyenyane go reka melora le mesangwana go thusa bana ba.
A re go tlhoka go iketa mo moweng ka mabaka a letlhoko go kgona go diga maikutlo le seriti sa ngwana mo go ka felelang go ama thuto ya gagwe, a re ka nako dingwe ngwana o patelesega go nna kwa lwapeng go fitlha a fetsa setswalo.
Rre Sdambo a re se ke sone se ba gwetlhileng go ntsha mo ba nang le gone, gore bana ba kgone go phuthologa le go busetsa seriti sa bone
O tlhalositse fa go abela bana ba sekolo sa Bonwatlou go dirile gore ba ame bontsi jwa malwapa go tsweng kwa metseng ya Serule,Gojwane,Damochojenaa, Moreomabele ,Topisi le Gojwane.
Mokhanselara wa Serule /Gojwane, Rre Oikagetse Freddy o ne a kgothatsa bana ba sekole sa Bonwatlou go tsaya thuto ka tlhwaafalo gore le bone ba tsoge ba thusa ba ba tswang kwa morago.
Rre Freddy a re dikgang tsa go tlhoka tsebe ga bana ba dikolo go a tshwenya mme a kgothatsa ba Serule Masters Social Club go tswelela ba bereka le boeteledipele jwa sekole sa Bonwatlou go tlisa boitsholo jo bo siameng mo baneng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Serule
Event : Kabo dimpho
Date : 06 Mar 2022