Bagwebi ba tshwenngwa ke go tlhoka lefatshe
06 Mar 2022
Bagwebi bangwe ba ngongorega ka go tlhoka lefatshe kwa ba ka tlhabololang dikgwebo tsa bone.
Fa a bua ka Labone kwa Mahalapye mo moletlong wa go tlhagolela tsela letsatsi la mafatshefatshe la bomme, mokgothatsi, Mme Matshidiso Rakhudu, o supile matshwenyego a go tlhoka lefatshe a tlhalosa fa go hirisa lefatshe go busetsa bagwebi kwa morago ka ba palelwa ke go ka tlhabolola go ya keletso ya bone.
O ne gape a supa matshwenyego a gore ba jewa ntsoma fa go tla ko dikgang tsa go rekisetsa makalana a ga goromente jaaka dikole.
A re batho ba ba fiwang tshono ya go rekisetsa goromente ba reka dikoko tsa bone ka tlhotlhwa e kwa tlase mme ba di rekise ka tlhotlhwa e kwa godimo gore ba bone dipoelo tse di nametsang fa bone ba itswela fela.
Mme Rakhudu yo e leng morui wa dikoko tsa nama a re dikgwetlho tse bomme ba kopanang le tsone di tshwanetse go ba tiisa moko ka e le bone pinagare ya setshaba.
A re e ne ya re lenyalo la gagwe le fela semmuso ka ngwaga wa 2012 a seka a ipona tsapa ka a ne a na le bana ba a tshwanetseng go ba tlamela le ntswa a ne a sa bereke. Mme Rakhudu a re o ile sekoleng go dira thuo ya dihutshane (Livestock Production) mme maikaelelo magolo a gagwe e le go tla go itirela e seng go hirwa ke ope.
O supile fa a ne a na le lerato mo thuong ya dikoko tsa nama mme a kopa madi ko Youth Development Fund go simolola kgwebo ya gagwe.
Fa a bua morutintshi wa tsa kgwebo wa Local Enterprise Agency mme Dipuo Koma o rotloeditse bomme go tlhopha le go tsenelela dikgwebo tse ba nang le kgatlhego le lorato mo go tsone.
A tlatsa ka gore fa go na le lerato le fa ba kopana le dikgwetlho ba kgona go itshokela phenyo mme kgwebo e tswelele.
Mme Koma o gakolotse bomme go ithuta thata le go itse ka dikgwetlho tse ba ka kopanang le tsone mo dikgwebong tsa bone gore ba nne ba di ipaakanyeditse.
A re ba ka ithuta mo go bomme ba bangwe ba ba dirang dikgwebo tse di tshwanang le tsa bone, a ba kopa go emana nokeng ka nako tsotlhe gore kgone fitlhelele ditoro tsa bone.
A re ba seka ba tsena mo kgwebong maikaelelo magolo e le go dira madi ka go le gantsi dikgwebo tsa go nna jalo di phutlhama.
Mme Koma o supile fa go le gantsi batho ba dira moalo wa kgwebo go kopa dithuso tsa madi fela mme a supa fa seo se sa siama ka jaana moalo o tshwanetse go laola ka fa kgwebo e tsamisiwang ka teng gore e atlege.
O rotloeditse bomme go tsena mo diofising tsa LEA go kopa thuso ya go dira moalo wa kgwebo, a tlhalosa fa LEA e ba thusa go tshela ditoro tsa bone ka jaana e rutuntsha batho ka go tsamaisa kgwebo sentle.
Mo kamogelo baeng, Kgosi Mpho Rathipana wa kgotla ya Bokaa kwa Mahalapye o supile matshwenyego a kgokgontsho ya bong. A re go le gantsi bo mme ba tshela le batho ba ba ba kgokgontshang mme ba itshokile hela ka ba ikaegile ka dithuso tse ba di ba fang.
Ka jalo o rotloeditse bomme go ipulela dikgwebo tse ba ka itshidisang ka tsone.
O supile gape fa e le bomme ba ilana ebile ba lebela ba bangwe kwa tlase mme a ba rotloetsa go emana nokeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gracious Letsweletse
Location : Mahalapye
Event : Moletlo
Date : 06 Mar 2022