Breaking News

Modimo ke botshabelo - Kgosi Maruje III

06 Mar 2022

Banni ba motse wa Masunga kwa kgaolong ya bokone Botlhaba ba ne ba tshwere tirelo ya go gopola le go gomotsa ba ba amilweng ke bolwetse jwa COVID-19.

Tirelo eo, e e neng e tshwere ka Matlhatso, e simolotse ka mogwanto go tswa kwa sepateleng sa Masunga, go ya kwa kgotleng kgolo ya motse.

Fa a tsibosa ka maikaelolo a tirelo eo, Kgosi Maruje III o o tlhalositse fa ba ne ba tsaya tshwetso ya go gopola ba ba tsamaileng ka ntlha ya bolwetse jo, le go isa kgomotso mo go ba ba amegileng, a re le jaanong jaana bangwe ba santse ba apesitswe ke khutsafalo le letshogo la seemo seo.

Kgosi a re maikaelelo e ne e le go tla go abelana le go utlwa tse ba- na- le seabe ka go farologana ba neng ba kopana le tsone mo ntweng kgatlhanong le segajaja se, a tlatsa gape ka go supa fa e ne e le go tla go leboga botlhe ba ba neng ba tsaya karolo mo go tlhabantsheng COVID-19, segolo bogolo ba ba neng di goga kwa pele mo ntweng e.

Mo godimo ga moo, Kgosi Maruje III a re ba ne ba dira jalo  go leka go isa malebo kwa go Ramasedi go bo a santse a ba babaletse mo dipharagobeng tse di kalokalo, a gwetlha morafe wa gagwe go ikgakologelwa mme ba itse fa Modimo e le ene tlharabololo ya diemo tsotlhe tse ba kopanang natso.

A re ba tshwanetse ba rapela le go leboga Modimo ka dinako tsotlhe, go le monate kana go le thata.

Kgosi Maruje III o lebogile puso go bo e ne ya ema ka dinao go leka go itepatepanya le bolwetse jo ka gotlhe mo go neng go kgonafala, go balelwa le go batla mekento ya jone.

Tirelo eo, e e neng e tsenwe ke morafe, baruti,  baemedi ba makalana ka go farologana, a a akaretsa lephata la Botsogo le Boitekanelo, ba sepodisi sa Botswana, Botswana Harvard Partnership, Humana People to People gareng ga a mangwe, le bone ba ne ba ntsha ditekodiso ka tse ba neng ba kopana natso mo ntweng e.

Mo tekodisong, modiri mo lephateng la Botsogo le Boitekanelo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Paseka Majaha o ne a kaya fa mo kgaolong eo, dipalo di supa e sale COVID-19 e simolola go fitlha monongwaga ka kgwedi ya Mopitlo e le malatsi mararo, go tshwerwe batho ba  le 5 625 ka mogare mme mo palong eo, ba le 5 254 ba sidilegile.

Mo go lemogeng kokobelo eo ya COVID-19, Mme Majaha a re ka go tlhoka lesego  ba le masome a mararo le motso ba ne ba latlhegelwa ke botshelo fa ba le 336 e ne e le batswakwa, mme ba ne ba busetswa ka mafatsheng a bone.

O supile fa mo nakong eno batho ba le bane e le bone fela ba ba nang le mogare mme e bile ba le mo serubing kwa malwapeng, a tlhalosa fa mo bogompienong malatsi a go tsena mo serubing a fokoditswe go nna malatsi a le matlhano.

Mothusa Mookamela mapodisi a Masunga, Assistant Superintendent Vincent Tebogo o ne a kgala bangwe, bogolo jang banana, ka go itlhokomolosa ditaelo tsa ba botsogo morago.

A re bangwe fa go tshwaraganwe le namane e tona ya tiro ya go lwantsha COVID-19, bone ka fa letlhakoreng le lengwe ba thusa batswakwa go tlodisetsa dithoto dingwe mono, tse di ka nnang le seabe mo go kuketseng bolwetse.  

Lefatshe leno le Batswana ka kakaretso ba ne tsenwa ke tsebetsebe mo dingwageng tse pedi tse di fetileng, kantlha ya go tlhaselwa ke bolwetsi jwa COVID-19.

Tlhagogo ya jone ka 2020, e tlogetse manokonoko mo lefatsheng jaaka bangwe ba ne ba latlhagelwa ke ditiro, le gone go tlogela matlhotlhapelo, bofutsana le khuduego mo malwapeng ka go farologana, ka bo gapile matshelo a masika le ditsala. Mo bogompienong lefatshe le tshwaragane le go sidila batho maikutlo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Masunga

Event : Segopotso

Date : 06 Mar 2022