Breaking News

MVA e thusa ba ba amilweng ke dikotsi

03 Mar 2022

Mookamedi wa lekalana la Motor Vehicle Accident fund (MVA), Rre Cecil Mosojane a re ba thusa go tlamela botlhe ba ba amilweng ke dikotsi tsa tsela.Rre Mosojane a re sengwe se ba se lemogileng ke gore kotsi ya tsela e bakela batswa-setlhabelo makoa ka go farologana. O tlhalositse gore bangwe ba ka felela ba na le bogole kana malwetse a tlhaloganyo.

Obuile jalo mo thuto-seka-dipuisanyo e rulagantswe ke ba komiti ya ipabalelo tsele ya Chobe kwa Kachikau ka Labobedi. Rre Mosojane a re nngwe ya tokafatso tse ba di dirileng ke gore fa ba ka lemoga gore kotsi ya tsela e bakile gore motswa-setlhabelo a tsenwe ke bolwetse jwa tlhaloganyo, o tshwanetse a tlamelwa ka fa go tshwanetseng.

Rre Mosojane a re fa go ka lemotshega gore bolwetsi jwa tlhaloganyo bo ka tswa bo bakilwe ke kotsi ya tsela go sa kgathalesege gore ke morago ga lebaka le le kae, motswa-setlhabelo o tshwanetse a tsenya kopo gore a kgone go thusiwa ke ba MVA fund.O tsweletse a re lekalana la MVA le itlamile go neela batswa-setlhabelo ba dikotsi tsa tsela ditlamelo di akaretsa kalafi le tse dingwe tse di rebotsweng ka fa molaong. 

Rre Mosojane a re nngwe ya tse di dirwang go thusa ke gore fa e le gore yo amegileng mo kotsing ga a kgone a itirela sepe kana a kgona go  tsisa letseno la madi kwa lwapeng, ba MVA fund go na le ka fa ba ka thusang ka teng.O tsweletse a re tshwanelo ya fa mongwe a latlhegetswe ke botshelo mo kotsing ya tsela ke gore ba MVA fund ba duela ditshenyegelo tsotlhe tsa phitlho, le go thusa go tlamela ba a neng a ntse a ba thusa ka nako ya fa a sale botshelong. Rre Mosojane o gateletsa botlhokwa jwa gore bakgweetsi ba nne kelotlhoko go tila dikotsi, a tlatsa ka gore se se botlhokwa ke go somarela matshelo.

Mogolwane wa ofisi ya sepodisi sa Kachikau, Superintendent Situme Budani o tshwentswe thata dikotsi  tsa tsela tse di diragalang ka bontsi mo tseleng ya Kachikau – Satau le ya Ngoma – Kasane. 

Supt Budani a re bontsi jwa dikotsi di bakiwa ke go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng, go kgweetsa go itshietswe nnotagi, le go kgweetsa motho a sena maitemogelo ga mmogo le diphologolo tse di gobeang mo ditseleng.O tshwentswe ke gore banana ba amega thata mo dikotsing tsa tsela. Mogolwane wa lephata la ditsela, dipalamo le ipabalelo tseleng,

Rre Baliki Tsopane a re ngwaga le ngwaga batho ba ka tshwara 500, ba latlhegelwa ke matshelo mo dikotsing tsa tsela. 

Rre Tsopane a re dipatlisiso di supa fa banana ba dingwaga tse di lesome le botlhano (15) go ya kwa go masome a mabedi le bofera bongwe (29) ba amegang thata mo dikotsing tsa tsela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kabelo Segafi

Location : Kasane

Event : Thuto-seka-dipuisano

Date : 03 Mar 2022