Palo batho e botlhokwa mo ditogamaanong
03 Mar 2022
Motshwarelela molaodi wa Kgalagadi, Rre Bigboy Mangwa o gwetlhile badiri ba nakwana ba palo batho go tlhomamisa gore ba tseye ithutuntsho ba e tseneletseng ba ka tlhwaafalo ka di ka dira tiro ya bone bonolo.
A re gape dithuto tseo di ya go ba thusa mo go tlhotlheng dikitso tse di maleba jaaka ba tlaa bo ba tsena ntlo le ntlwana ka nako ya palo batho mo kgaolong ya Kgalagadi.
Fa a bula semmuso dithuto tseo, tse di rulaganntsweng ke ba Statistics Botswana ka Labobedi mo Tsabong, o ne a tlhalosa fa dithuto tseo di diretswe go ruthuntsha badiri ba ba tlaa bong ba bala batho go simolola kgwedi eno e le lesome le boherabobedi go fitlha e ya fifing
Rre Mangwa o boletse fa go diragadiwa ga palo batho go le botlhokwa mo molao motheong wa lefatshe leno mo tsetlaneng ya 64 le 65 ka jaana e nonotsha motheo wa puso ya batho ka batho oo itsetsepetseng le gone go thusa puso mo ditogamaanong le go tokofatsa ditlhabololo go ya pele.
Fa a ama batsena dithuto seka- dipuisano tseo tsa palo batho ka lefoko, o boletse fa e le bone botsoso e rweleng mo go kgobokanyeng dikitso le dikgang tsotlhe go tswa mo setshabeng.
A re se ba tshwanetse ba se dira ba itlamile go ikitaya sehuba ka nako ya ithuthuntsho gore kwa bofelong ba kgone go dira tiro eo ka bonokopila, botho jo bo eletsegang jwa bana ba Batswana ba itsegeng ka jone le gone go nna le maitseo.
Rre Mangwa o akgotse ba Statistics Botswana le badiri botlhe ba ba nnileng le seabe mo dipaakanyo tse di tseneletseng go tlhomamisa gore dithuto tseo di a tswelela.
Mogolwane go tswa Statistics Botswana, Mme Ketso Makhumalo o ne a tlhalosa fa maikaelelo magolo e le go bala batho ka seo se ka thusa go itse palo ya batho mo lefatsheng leno.
A re palo ya batho e botlhokwa ka e le yone e kaelang puso gore go tlhokafala ditlhabololo tsa mofuta mang kae mo palong ee kae ya banni mo motseng, motsana kana toropo.
O boletse fa ba laleditse batsena ithuthuntsho eo ba le lekgolo masome a mabedi le bosupa mme mo palong eo ba tla thapa ka nakwana fela ba le lekgolo le borataro(106) morago ga ditlhatlhobo tse di mashetla fa ba wetsa.
A re dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo nakong eno ke letlhoko la lefelo le ba ruthuntshetsang mo go lone ka jaana gantsi ba dirisa matlo a borutelo fa dikole di tswetswe.
Mongwe wa banni mo motseng wa Tsabong, Rre Thipe Suping wa dingwaga tse di masome a supa le bobedi o ne a bolela fa e se la ntlha palo batho e dirwa mme gape ba itse botlhokwa jwa yone. O ne a e tshwantsha le ditlhopho tsa setshaba ka mongwe le mongwe a tshwanetse go diragatsa dikeletso tsa gagwe mabapi le ditlhabololo mo kgaolong e a leng mo go yone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Thuto-seka-dipuisano
Date : 03 Mar 2022