Breaking News

Komiti e tsibosa banni ka palo batho

03 Mar 2022

Komiti ya kanamiso mafoko ya palo batho ya kgaolo ya Bokone Botlhaba e boloditse letsholo la go tsibosa banni ba kgaolo go ipaakanyetsa thulaganyo ya palo batho.

Komiti e, e ikgaogantse ka ditlhopha tse pedi mme e simolotse go diragatsa boikarabelo jwa yone jwa go etela metse ya kgaolo go sedimosa ka thulaganyo  e e tla tshegediwang kgwedi eno e le lesome le boferabobedi go fitlha e le masome a mararo le motso.

  Mo maitekong a go gasa molaetsa wa palo batho, komiti eo e simolotse letsholo la yone kgwedi ya Tlhakole e le masome a mabedi le boferabobedi, mme go gasa molaetsa go tla akaretsa le tiriso ya segoagoe.

 Fa a ema ka lefoko boeteledipele jwa metse ya Botalaote, Mambo le Sechele, ka Mosupologo mongwe wa maloko a komiti, yo eleng moanamisa mafoko a khansele ya Bokone Botlhaba, Mme Kesegofetse Ntaleng o ne a ba gwetlha go tla ba amogela le go dirisanya sentle le bodiredi jo bo tla thapiwang go dira tiro eo.

 O ne a ba itsese fa dinako tsa pereko tsa babadi ba batho e tlaa bo e le borataro mo mosong go tsena ka nako ya boferabobedi maitseboa. Mme Ntaleng a re go botlhokwa gore morafe o neele bodiredi joo dipego tsa buamaruri le go araba dipotso tsotlhe tse ba di botswang ka fa tshwanelong, a re ba seka ba nna le poifo epe ya gore dipotso dingwe di tla bo di leka go ba tlontlolola.

A re babadi ba batho ba tlaa bo ba itebagantse le go bala batho fela mme eseng sepe gape, ka jalo ba rutuntshiwa go seke ba itshunya nko mo dilong tse di sa amaneng le boikarabelo jo ba bo filweng, gape ba sa tshwanela go ntsha pego epe e e sa amaneng le palo batho. Mme Ntaleng a re palo batho fa e dirwa, mongwe le mongwe yo o tlaa bong a le mo lefatsheng leno, ka nako eo o tshwanetse a balwa go sa kgatlhalesege gore gore a ke motswakwa.

 Go ntse go le foo, Mme Ntaleng a re ka jaana go na le bangwe ba ba ka dirisang sebaka seo go inaakanya le ditiro tse di ka bayang matshelo a batho mo diphatseng, go botlhokwa gore batho ba nne podi matseba e bile ba tseye boikarabelo jotlhe jwa go itshireletsa.

A re ba seka ba tshaba go lopa bodiredi jwa palo batho go ntsha masupi otlhe a a rurifatsang fa e le ruri e le bone ba ba lebaneng.

A re ba tlhomamise gore dinomoro tsa karata ya Omang di tsamaelana le tse di mo lekwalong la khiro.

Mo godimo ga moo, Mme Ntaleng o ne a ba gwetlha go begela ba ba maleba fa ba ka bona sengwe se se ba beletsang.  

 BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Potsolotso

Date : 03 Mar 2022