Breaking News

Ba Malatswae ba motlotlo ka Baidi

03 Mar 2022

Go ne go jewa, go nowa  kwa Malatswae ka Matlhatso jaaka banni ba ne ba ipelela katlego ya ga Rre Bakwaledi Baidi.

Lekawana leo, la dingwaga  tse di masome mararo le dirile ditso ka go nna ene wa ntlha motseng wa Malatswae go aloga ka dithuto tsa Bachelor of Commerce and Real Estate kwa sekolong sa Ba Isago University.

Moletlo wa go ipelela katlego ya ga Rre Baidi o ne o tshologetswe ke bogogi jwa kgaolo ya legare le morafe ka kakaretso.

Modulasetilo wa khansele ya legare Rre Ketshwareng Galeragwe, makhanselara, baruntuntshi ba ga  Rre Baidi go tswa kwa Ba Isago University, baithuti ka ene ba pele le ditsala tsa gagwe ba ne ba seka ba ipona tsapa go ipelelela katlego ya gagwe.  

Sengwe sa dilo tse di lemogilweng ke dibui kwa moletlong  le bangwe ba ba neng ba tseneletse tiro eo ke gore bana ba ba tswang mo mafelong a kgakala le ditlamelo ba tshabelelwa ke go buledisa dithuto, ka bontsi jwa bone ba phuaganya sekolo ba ntse ba tsweletse.

Phitlhelelo ya ga Rre Baidi e dirile ditso ka jalo e tlhoka go ipelelwa.

Go le gantsi bana kwa Malatswai ba tlogela ba santse ba tsamaisiwa tshipidi tonto kwa dikolong tse di potlana, fa bangwe ba fela pelo mme ba tlogele mosepele wa thuto ba le kwa dikolong tse di fa gare.

Mangwe a mabaka a supilweng e le sekgoreletsi mo thutong ya bana ba mafelo a kgakala le ditlamelo ke go tlhaela thotoetso ya batsadi ka jalo bangwe ba felela ba bereka ditiro jaaka tsa go tlhokomela leruo ka dingwaga tsa bonyana.

 Seemo se, se dira gore bangwe ba bone ba tshole bana le go nyalwa ka bonana, go inaakanya le nnotagi le gone go tshabelelwa ke lehuma ka ba sa kgona go bona thuto e ka dirang gore ba bone ditiro go tokafatsa matshelo a bone.

 Rre Baidi o dirile mo go pharologanyo  ka go itshoka, a ralala  dikgwetlho tsa mosepele o thata wa go ipetlela isago.

Mo mafokong a gagwe, Rre Baidi o tlhalositse fa gone go se bonolo go tsena sekole.

A re batsadi ba gagwe ba dikobo dikhutshwane ebile ga baa iteiwa letsogo.

Sengwe sa tse di neng di dira gore tsela ya gagwe e nne thata le go feta ke gore batsadi ba gagwe ba ne ba le kgatlhanong le thuto.

Le fa go ntse jalo, Rre Baidi a re thuso e a e filweng ke ofisi ya boipelego e ne ya mo pepetletsa gore a kgone go tswelela le dithuto tsa gagwe, a tlatsa ka gore o ne a nyoretswe go ithuta.

O simolotse dithuto tsa gagwe ko sekoleng sese potlana sa Malatswae, mme a kgona go feta ka tse ditsididi mo lekwalong la bosupa, ka jalo a ya go tsweledisa kwa Mmashoro Junior Secondary School le Letlhakane Senior Secondary School. Rre Baidi a re mosepele wa go tla Gaborone go tla go tsweledisa dithuto tsa gagwe ke nngwe ya dikgwetlho tse di ratileng go kgaupetsa dithuto tsa gagwe.

O tlhalositse gore ka thuso ya ofisi ya boipelego o kgonne go bona boroko mo Gaborone go tla go tsweledisa dithuto tsa gagwe.

Ka gotwe maano a botshelo ga a site, Rre Baidi a re o ne a tswa leano la go ikokeletsa letseno la go itshetsa fa a le mo dithutong mo Gaborone ka go ipatlela tiro ya go disa dikago mo komponeng ya Security Systems.

“Ke ne ke theogela bosigo, mme mo mosong ke bo ke ya dithutong tsame kwa Ba Isago University.

Rre Baidi are o ne a itshoka go tsweledisa le go wetsa mosepele wa gagwe mo thutong. Rre Baidi o ne a leboga go menaganye mokhanselara wa Malatswai Rre Bernard Kenosi ka kemonokeng ya gagwe ka ene e le seikokotlelo sa gagwe fa ana le dikgwetlho. Le fa a tshwere setlankana, Rre Baidi are sebe sa phiri ke letlhoko la ditiro.

“Mo nakong eno ke nna fela mo lwapeng le batsadi,” ga tlhalosa Rre Baidi.

Rre Galeragwe o tlhalositse gore tsela ya ga Rre Baidi e mogoga moleele ka gore le fa a weditse dithuto tsa gagwe o santse a tla tsamaya mosepele o mongwe gape wa go batla tiro.

Rre Galeragwe are go bona tiro ke kgwetlho e apereng banana.

Le fa go ntse jalo, Rre Galeragwe o rotloeditse Rre Baidi go tsenya moko mo nameng, a dirise dikgakololo tse a di fiwang le go ruta banni ka botlhokwa jwa thuto le go rotloetsa bana go ithuta.

Rre Galeragwe o rotloeditse Rre Baidi go itirela kompone gore a iphire le go hira ba bangwe.

A re dithuto tsa gagwe di botlhokwa thata ka jalo a dirise mananeo a puso ka go farologana go tswelela pele.

O tlhalositse gore khansele e tshwenyegile thata ka go tlhoka go itshokela thuto ga bana ba mafelo a kgakala le ditlamelo.

Rre Galeragwe are le fa go ntse jalo, puso e dirisa madi a mantsi le ditlamelo ka go farologana go ba rotloetsa go ithuta.

O akgotse Rre Baidi ka katlhego ya gagwe a tlatsa ka gore go ne go se motlhofo mme a kgona go itshoka.

Mokhanselara wa Malatswae, Rre Kenosi are monana yo e tla nna sekao mo go ba bangwe.

O mo rotloeditse go batla ditiro le metswedi e mengwe ya go itirela botshelo.

Rre Kenosi are nnotagi e busetsa morago, ka jalo Rre Baidi a ikgaphe mo go tsotlhe tse di ka kgoreletsang botshelo jwa gagwe. A re a tswelele ka go ikoba, e seng go ikgogomosa are o rutegile.

“Ke go itse o le motho yo o bonolo, botho gape o le senatla,” ga tlhalosa Rre Kenosi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Malatswai

Event : Moletlo

Date : 03 Mar 2022