Breaking News

Bomme ba batla go thusiwa bana

02 Mar 2022

Modulasetilo wa lekgotla la bomme kwa Lotlhakane East Mme Pona Ntsimako o kopile gore puso e dire thulaganyo ya go thusa bomme kgodiso ya bana ka lemme la kgwedi le kgwedi.

E rile a rolela mogopolo lekgotla le le romilweng ke Tautona go sekaseka molao motheo maabane, Mme Ntsimako a re go le gantsi bomme ke bone ba ba tlhokomelang malwapa mme bangwe ba tlogelwa ke borre ka bana. 

A re diemo tse di ntseng jaana di tlhoka gore puso e di tsibogele gore bomme ba kgone go godisa bana. “Bomme ba dira tiro e e bokete mo lwapeng ba godisa  le bana; jalo re kopa gore puso e ba latlhelele sengwenyana ba kgone go rekela bana tse di tlhaelang.”

O ne gape a kopa gore molao motheo o supe tekatekanyo ya bong ka jaana bomme le bone ba na le bokgoni jwa go dira ditiro tse di dirwang ke borre.

E rile a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti e e tlhokomelelang balwetsi kwa malwapeng Mme Selogi Sefela a kopa gore palo ya bone e okediwe ba bo ba okelediwe le dikatso ka jaana ba dira tiro e e bokete. 

A re bontsi jwa baithaopi ba ba neng ba dira le bone ba tlhokafetse fa bangwe ba tlogetse ka ntlha ya bogodi le bokoa. 

O ne gape a supa fa ba imelwa ke tiro ka jaana masika a bawetsi ba sena seabe se se kalo mo tlhokomelong ya bone.

Mme Mosidi Ponatshego wa Lotlhakane East Empowerment Group ene o ne a kopa gore go nne le kiletso mesepele go simologa ka nako ya bongwe go fitlha ka ya bone makuku ele ntlha nngwe ya go fokotsa borukutlhi. 

A re go supafetse fa  bontsi jwa bolalome bo tshwana le bogodu, go thubiwa ga matlo le marekisetso bo diragala ka dinako tseo ka jalo go thibela mesepele go ka thusa go bepisa seemo.

O ne gape a kopa gore basekisiwa ba dikgang tsa polao le go thukutha ba seka ba letlelwa go letela tsheko kwa ntle ga kgolegelo, go babalela setshaba le go itsa gore ba boelele melato eo. 

A re dikatlholo tsa melato eo le tsone di tshwanetse tsa tshwana mme ba lebaganwe ke kgatlholo ya dingwaga tse dintsi mo kgolegelong.

Mme Ponatshego o tsweletse a kopa gore barekisi ba ditagi ba gagamalediwe dikatlholo ka jaana ba senyetsa bana botshelo. 

“Batho ba ba rekisetsang bana ditagi ba tshwanetse ba ntshiwa mo setshabeng lobaka lo loleele ka gore ba senyetsa bana botshelo.”

Erile a ntsha megopolo mo boemong jwa lekgotla la baruti Rre Seikanelo Mhateng a re molao motheo o tshwanetse wa akaretsa kemedi ya baruti fa go tlhophiwa mapalamente a a itlhophetsweng ke Tautona.

A re kereke e na le seabe se segolo mo go ageng puso ya batho ka batho le boleng jwa lefatshe mme lentswe la yone ga le utlwale fa go dirwa melao.

Rre Godirileone Rasepatela ene o ne a re molao motheo o dire melao e e gagametseng e e laolang dipuisanyo tsa palamente go busetsa serodumo sa yone. 

A  re go botlhokwa gore mapalamente a buisanye ka tlotlo le ntswa ba emetse makgotla a a farologanyeng.

“Re na le bana ba ba reetsang dipuisanyo tsa palamente mme go kgoba marapo go reetsa o na le bone ka ntlha ya ka fa go buisanngwang ka teng.”

Mokhanselara wa kgaolwana eo Rre Shimane Thelo o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore molao motheo o lemoge tshwanelo ya go nna le bonno ele nngwe ya ditshwanelo tsa setho.  O ne gape a kopa gore moeteledipele wa kganetso kwa palamenteng a tsenngwe mo molao motheong le tiro ya gagwe ka botlalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : LOTLHAKANE EAST

Event : Phuthego ya tshekatsheko molao motheo

Date : 02 Mar 2022