Breaking News

Ba Mosu ba tshwenyega ka ditshoswane mo motseng

02 Mar 2022

Banni ba motse wa Mosu kwa kgaolo potlana- ya Boteti ba lela ka ditshoswane tse di tlhasetseng bontlha jwa motse tse go belaesegang di bakiwa bogolo jang ke ditlhare tsa Mosu.

Ntswa ditshoswane tse di se borai, di nna diphatsa fa e re di palama motho a bo a itlhotlhora kgotsa a di bolaya, selo se se dirang gore di mo lome.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Kgosi Philip Kopano o supile ba sa itse se se ka tswang se baka ditshoswane tse,  mme  ba belaela ditlhare tsa mosu tse di fitlhelwang mo motseng oo.

Kgosi Philip o boletse gore motse o fitlhetse ditshoswane tseo mo lefelong le, a supa fa go tshwanetse ga dirwa dipatlisiso ka tsone.

A re ga ba ise ba kope thuso gope ka go sena ope yo o ikuetseng ka seo e bile go supa fa morafe o o tswa goo lowe o tshela le tsone.

“Ga gona malwapa a ikuetseng ka jalo go supa fa batho ba tsere gore ke ditshoswane fela.”

Kgosi Philip a re bone e le bogogi  jwa motse ga gona thuso e ba e tswang, mme ba lemogile fa seemo se golela kwa pele ka jalo baikuela  kwa maphateng a a tshwanetseng go tla go bona le go sekaseka gore ditshoswane tse. 

A re thuso e ba e tlhokang ke go itse gore ditshoswane tseo di  ka thibelwa jang le bodiphatsa jwa tsone mo matshelong a batho.

O kopile banni  ba motse gore ba itlhokomele mo ditshoswaneng  tse le fa ba sa itse gore di borai jang mo botsogong jwa bone.

Mokhanserala wa motse o,  Rre Mabona Makuane o supile fa a kopanye le seemo sa ditshotswane tse nako nngwe fa a ne a tseneletse tiro ya phitlho.

Fela jaaka Kgosi, le ene o supile fa a na le matshwenyego ka tsone.

Ka e le moeteledipele wa batho, a re o ne a tsena mo motseng go lekola seemo mme o fitlhetse  se sa nna sentle mo malwapeng mangwe.

Rre Makuane a re o ne a bona go tlhokega  go itsise lephata le le maleba  jaaka la tikilogo mo khanseleng ka seemo mme a re  ba supile fa ba tlaa fa thusa e e tlhokafalang.

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tessiah Mashabagole

Location : Francistown

Event : Potsolotso

Date : 02 Mar 2022