Lephata le abela ba Thuso Rehabilitation Centre
02 Mar 2022
Lephata la dikgolegelo le akgoletswe go abela sekolo sa Thuso Rehabilitation Centre mo Maun dijo le melora.
Tona wa Itshireletso, Molao le Thokgamo Rre Kagiso Mmusi a re dimpho tseo, di tla godisa botsalano fa gare ga lephata la dikgolegelo le ba Thuso Rehabilitation Centre. Bagolwane ba lephata le, ba ne ba tshwaretse bokopano mo Maun, ka jalo Rre Mmusi a re go botlhokwa go tlogela mothala mo mafelong otlhe a ba tshwarelang bokopano mo go one.
Tona Mmusi are go aba go golaganya batho ka jalo are o solofela gore botsalano jwa lephata la dikgolegelo le ba Thuso Rahabilitation Centre bo tla tswelela pele.
A re sekolo sa Thuso Rehabilitation Centre se thusa bana-le-bogole ka tshidilo mmele le go ba rutuntsha mo dithutong tse di farologaneng ka jalo go le botlhokwa gore ba fiwe kemo nokeng. O gateletse gore mowa wa go aba o tshwanetse wa rotloediwa ka o supa lorato le go aga setshaba.
Mookamedi wa lephata la dikgolegelo, Mme Dinah Marathe a re ngwaga le ngwaga fa ba tshwara diphuthego tsa mofuta o, ba netefatsa gore ba tlogela mothala ka go abela ba ba thokang thuso mo lefelong leo.
Mme Marathe o tlhalositse gore dimpho tseo, di kokoantswe ke badiredi ba lephata leo ka go ntsha madi mo dipateng tsa bone.
O supile fa go le bothokwa gore maphata a puso a tsee karalo mo setshabeng, a supe lorato le setho ka go aba dimpho kana go dira ditiro tsa bopelo tlhomogi.
O tsweletse a re lephata la gagwe le itse bothokwa jwa go dira le morafe. Mme Marathe o solofeditse ba Thuso Rehabilitation Centre gore lephata la gagwe ga le na go ba lebala ka jalo keletso ke gore botsalano jwa bone e nne jwa sennela ruri.
Mopalamente wa kgaolo ya Maun Bophirima, Rre Dumelang Saleshando o lebogetse thuso ya lephata la dikgolegelo,a tlatsa ka gore go tshwarela bokopano jwa mofuta o, mo Maun go thusa gape go tsosolosa mohama wa bojanala.
Rre Saleshando a re go aba mo nakong ya gompieno ke kgwetlho ka ntlha ya gore itsholelo e amilwe ke manokonoko a segajaja sa COVID-19 ka jalo are o leboga ba lephata la dikgolegelo ka thuso e ba e fileng ba Thuso Rehabilitation Centre.
Mo mafokong a gagwe fa amogela dimpho tseo, mogokgo wa Thuso Rehabilitation Centre, Rre Jerson Kazombungo are sekole seo se thusa go sidila ba ba amilweng ke dikotsi kana malwetse a sa tshelanweng.
A re ba thusa gape go sidila bana-le-bogole le go ba rutuntsha ka tsa tiro tsa diatla.
Rre Kazombungo a re keletso ke go bona bana-le-bogole ba eme ka dinao ba ipatlela ditiro gore ba kgone go itshetsa.
O rotloditse morafe go kopa thuso mo go bone fa ba tlhoka tshidilo mmele le maikutlo, le ithutuntsho ka tsa tiro ya diatla.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : Maun
Event : Kabo dimpho
Date : 02 Mar 2022