Breaking News

Mokgatlho o aba dibuka....

02 Mar 2022

Mokgatlho wa Balekane Remmogo kwa Moiyabana o abetse dikole le motlobo wa dibuka kwa motseng oo buka ya Setswana ee kwadilweng ke Rre Thapelo Otlogetswe e e bidiwang:  Diane, Maele, Mafoko le Ditlhamalakane.

Mo dibukeng tseo, tse  di neng dile nne ka palo, ele nngwe ene ya abelwa sekole se sebotlana sa Moiyabana le motlobo wa dibuka  fa se se segolwane se abetswe dibuka di le pedi,

Fa a rola dibuka tseo tse di tlhaosang  maele, diane, mafoko le dithamalakaneke, ka Labobedi, modulasetilo wa mokgatlho wa Balekane Remmogo Rre Baitshepi Gatsoswe o ne a supa fa ba bone go tshwanela gore ba abe dibuka tseo tse ba solofelang fa di tla a ruta baithuti Setswana se mo nakong eno e se nyelelang ka monokela.

A re ka dibuka tseo di se dintsi ka palo baithuti ba tla a di amogana ka di tla a bo di beilwe kwa metlobong ya dibuka kwa dikoleng le mo motseng.

O supile fa mokgatlho wa bone o simolotswe ka 2019 ke balekane ba le masome a mabedi le bongwe ba ba neng ba fetsa sekole se segolwane mmogo mme ba kopana go tlhama mokgatlho wa motshelo.

Rre Gatsoswe a re maikaelelo a mokgatlho o ke go thusana botshelo ka go tshedisanya madi a a kana ka P100  mongwe le mongwe fa yo mongwe a na le lenyalo, leso, moletlo le tse dingwe.

A re e ne ya re ba ntse ba tsweletse ba felela ba ntsha mogopolo wa go thusa fa go nang le letlhoko teng mme ke jaaka ba ne ba simolola ka go aba dibuka.

Fa a amogela dibuka tseo, Mme Memory Kgwefane yo e leng mogolwane mo dithutong tsa metlobo ya dibuka  (senior teacher library studies) o ne a leboga ba Balekane Mmogo go bo ba dirile tiro e tona ya go aba dibuka.

A re dibuka tseo di tla a rotloetsa baithuti go ithuta puo ya Setswana le gone go ba rotloetsa go kwala dibuka.

Mokhanselara wa Moiyabana Rre Phirinyane Orakanye le ene o ne a akgola ba mokgatlho wa Balekane Remmogo are tiro e ba e dirileng e supa fa go le botlhokwa gore motho a gopole  ba ga bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Moiyabana

Event : kabo ya dibuka

Date : 02 Mar 2022