Baithuti ba rotloeditswe go ikuela kwa ofising ya molaodi
02 Mar 2022
Baithuti ba ba simololang lekwalo la bone (form 4) kana ba ba feditseng la botlhano (form 5) ba gakolotswe go ikopanya le ofisi ya ga molaodi e e gautshwane le bone kana ofisi ya lephata la thuto go tswa kwa moding fa sekolo se ba neng ba tsena kwa go sone se ka ba ganela ka dipampiri tsa bone tsa sekole.
Molaodi wa kgaolo ya legare Mme Angelina Leano o tlhalositse mo potsolosong le BOPA fa bontsi jwa baithuti mo kgaolong ya legare ka bophara ba bolelelwa fa ba tshwanetse go ntsha madi a ba a kolotang mo sekoleng pele ba ka neelwa difomo tsa go fetela kwa sekoleng se segolwane (senior school) kana ba kopa maduo a bone a lekwalo la botlhano (result slip).
Mme Leano a re seo ga se a tshwanela go diragala, a re ngwana ga a a tshwanela go ganelwa ka dipampiri tsa gagwe tsa sekole ka moo e le go kgoreletsa go ithuta ga gagwe.
Are motsadi ke ene a tshwanetseng go bolelelwa ka sekoloto sa ngwana wa gagwe.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto go tswa kwa moding, yo o itebagantseng le kgaolo ya legare Rre Sonny Mooketsi o ne a supa fa e se tsamaiso gore moithuti a seka a fiwa dipampiri tsa gagwe tsa sekole ntateng ya gore ga a a ntsha dituelo dingwe.
A re dituelo tsa sekole di lebagane le motsadi ka jalo fa sekole se batla dituelo dingwe tsa ngwana se tshwanetse sa itshwaraganya le motsadi go buisanya ka dituelo tseo.
A re fa sekole se sena go buisanya le motsadi mme a sena madi ka nako eo, ke tshwanelo ya gore motsadi a dire mokwalo a itlama gore o tla a ntsha dituelo jang mme motsadi o tshwanetse a dire boammaaruri a ntshe dituelo tseo.
A re bagokgo ba dikole botlhe ba itse kgang e ka jalo ba ba dirang jalo ba dira fela mme ba itse gore ga go a tshwanela.
O ne a ikuela mo dikoleng go sala tsamaiso morago go itsa go kgoreletsa dithuto tsa ngwana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 02 Mar 2022