Breaking News

Dikereke di kopa kemedi kwa palamenteng

01 Mar 2022

Lekgotla la dikereke kwa motseng wa Ntlhantlhe lare molao-motheo o letlelele gore mo baemeding ba palamente ba ba itlhophelwang ke Tautona, mongwe wa bone a tswe mo lekgotleng la dikereke. 

Mafoko a, a builwe ke moemedi wa lekgotla la dikereke Moruti Kelekwang Maikano fa a ne a rolela lekoko le le romilweng ke Tautona go sekaseka molao-motheo megopolo e e dumalaneng ke lekgotla la baruti maabane Mangwe a mabaka a lekgotla le a beileng lekoko pele ke gore baruti ba dira tiro e tona e e masisi ya go aga motho mo semoweng. 

A re baruti ba a sokolola, ba a gomotsa, ba ritibatsa maikutlo ebile ba a kgalema le gone go rotloetsa maitsholo a a amogelesegang mo sechabeng. Moruti o ngongorile ka gore boleng le boikarabelo jwa bone ga bo bonale mo molao-motheong. 

A re ke ka moo ba sutisang gore go nne le tsamaiso e e papamaditsweng mo molaong ka seabe sa baruti ka jaana tiro ya bone akaretsa go tlisa ledula le thitibalo mo sechabeng ka kakaretso. 

Godimo ga moo o gakolotse gore ere go dirwa jalo go elwe tlhoko gore ditsamaiso ga di gotlhagotlhane le botshelo jwa motho kana go nna diphatsa mo matshelong a batho. 

O file sekai sa gore go a tle go diragale gore dingwe dikereke kgotsa baruti bangwe ba itirele ditsamaiso tse di duleng mo tsamaisong ya kereke jaaka go katwe “jaa mogau kgotsa eng hela se se sa welaneng le botshelo jwa motho,” a tlatsa ka gore molao-motheo o fe puso thata ya go dibela set ŝhaba fela jaaka e dibela ngwana moe a itseeleng ditshwetso tse di diphatsa. 

Mo go tse dingwe o kaile fa lekgotla le sutisa gore dikereke di akarediwe mo mananeong a go ka ikopela dithuso tsa madi fa go nang le letlhoko la letseno la madi teng, a tlhalosa gore go aga motho semoya go akaretsa go ikaba le go ikanapa ga phuthego mme nako dingwe di ketehatsa bokgoni jwa go aba jaaka seru sa Covid 19 se dirile. 

Lekgotla le supile gape fa ba le kgatlhanong le go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang. 

Bare ere ka jaana e sa tlhole e le molato go ratana ka bong jo bo tshwanang, ba na le thobaelo ya gore go gogela ko lenyalong la batho ba bong jo bo tshwanang mme bone e le baruti ba dumela gore molao wa gompieno wa go nyalana ga batho ba bong jo bo tshwanang o ka pitlaganya baruti fa go tla mo go segofatseng le go tshwaraganya manyalo a banyalani bao.  Are go dira jalo go gotlhagotlhana le tlholego le sekeresete se lefatshe leno e leng nngwe ya ditumelo tsa lone. 

Ka jalo ba gakolola gore go la bogakolodi go lemotsha batho b aba ratanang ka bong fa seo se fapogile tlholego, mme gongwe b aka tshokane ba boetse mogopolo wa bone morago. 

Kwa bofelong lekgotla le kopile gore molao-motheo o kwalwe ka puo ya Setswana ebile o rutwe e le nngwe ya dithuto go simolola kwa dikolong tse di potlana, go dirisiwa puo e e tlhapileng go ka tlhaloganngwa ke bana ba ba botlana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : NTLHANTLHE

Event : Phuthego ya tshekatsheko molao motheo

Date : 01 Mar 2022