Breaking News

Ba mabelo a dipitse ba kopa thotloetso

01 Mar 2022

Moemedi wa barui ba dipitse Rre Shadreck Modisane go tswa Ncojane o kopile thotloetso le kemonokeng  mo dikgaisanong tsa mabelo a dipitse tse maikaelelo e leng  go a thusa mo kgodisong ya one.

O boletse jalo ka  letsatsi la dikgaisano  tsa mabelo a dipitse tse di neng di tshwaretswe kwa Kokotsha bosheng  go tlhagolela tsela aa tlang ka kgwedi ya Phukwi ka jaana a ne a emisiwa ka lebaka la segajaja sa COVID-19 ka ngwaga wa 2020.

A re barui ba dipitse ba ne ba bopa mokgatlho wa mabelo a dipitse o go bua ka lentswe le lengwe gongwe le gongwe fa ba leng teng mo lefatsheng leno mo dikgwetlhong tsotlhe tse ba kopang le tsone.

Rre Modisane o boletse fa maikaelelo a bone e le go godisa mohama wa dikgaisano tsa dipitse ka jaana o ka ba tsenyetsa letseno ka go oka bajanala le gone go tlhamela bogolo jang banana ditiro go lwantsha lehuma  mme sebe sa phiri e le letlhoko la madi.

O ikuetse mo mopalamenteng wa Kgalagadi Borwa Rre Sam Brooks go ba kopela dithuso mo  dikompone, diofisi tsa  baemedi ba mafatshe a sele mono, maphata a puso le setshaba.

Rre Modisane o ne a tswelela ka go tlhalosa fa dithuso di ka ba thusa go fitlhelela ditoro tsa bone  go godisa dikgaisano tseo tse di tshwarwang mo mafelong aa farologaynyeng mo lefatsheng leno.

O boletse fa segajaja sa COVID-19  se amile thata dikgisano tsa mabelo a dipitse ka jaana bapalami ba ne ba latlhegelwa ke ditiro ka go ne go sena letseno le gore bontsi jwa dipitse tsa bone di feletse di sule ka di ne di tlhoka  go neelwa tlhokomelo ee tseneletseng.

Morulaganyi mogolo wa dikgaisano tseo go tswa Kokotsha Rre Kabo Medupe o ne a iteela kobo moroko a supa fa ba simololetse mo legoeleleng, go sena madi mme maikaelelo e le go diragatsa kopo ya barui ba dipitse gore di boele mabaleng ka di na le lobala di sa phadisane selo se se bakileng tatlhegelo e ntsi ya tsone ka dingwe di  feletse di sule ka nako ya COVID-19  le dikgobalo ka nako ya ipaakanyetso dikgaisano.

Lefa go ntse jalo o boletse fa khansele ya Kgalagadi e ne ya ba thusa mo dipaakanyong ka didirisiwa go gopa lebala le mogwebi mongwe go tswa mo dipolasing dingwe gaufi le Werda yo o neng a ba rotloetsa ka madi aa kanang ka P2 400.

Rre Medupe a re ba ne ba tshwanelwa ke go itoma molomo wa tlase go tlhomamisa gore dipaakanyo di a tswelela gore kwa bofelong dikgaisano di nne teng e le go tlhagolela tsela dikgasano kwa Maun ka malatsi a boitapoloso ka kgwedi ya Moranang mono ngwaga le  tse ba ikaelelang go di tshegetsa ka kgwedi ya Phukwi mo motseng wa bone.

E re ka jaana dikgaisano tsa mabelo a dipitse di ratwa bobe ke banni ba kgaolo eo le bontsi jwa ba ba tswang  kwa ntle o boletse fa tshologelo ya batho e ne e itumedisa, selo se a supileng fa se ba kgontshitse go atswa bafenyi ba dikgaisano tseo le tse dingwe ka madi a letseno a kgorwana le a kwadiso ya dipitse.

O ne a bolela fa ngwaga ono dipalo tsa dipitse di wetse tlase ka ne di le masome a mane le bone fela  tsa mabelo a 800m go ema ka 2000m tse di neng di padisana mme maikaleleo e le go oketsa palo eo mo nakong ee tlang.

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : KOKOTSHA

Event : Phuthego

Date : 01 Mar 2022