Breaking News

Banni ba Letlhakeng kgatlhanong le tshwetso......

01 Mar 2022

Banni ba Letlhakeng ba kgatlhanong le tshwetso ya go sa duela batho ba ba senyegetsweng ke matlo.

Banni ba kopile khansele ya Kweneng, go boela morago tshetso ya gore ba ba senyegetsweng ga ba na go bona dikatso, ka gore dikopo tsa bone di tsile thari.

Se se tla morago ga gore Modulasetilo wa Khansele eo, Rre Motlhophi Leo, a ba lekodise ka kgang eo, le gore jaanong khansele e tsere tshwetso ya go duela batho ba ba tsisitseng dikopo tsa bone pele ga kgwedi ya Phukwi e le lesome le botlhano ka ngwaga wa 2019.

Rre Leo o tlhalositse fa khansele e ne ya dirisa madi a a fetang P4.3 million go atswa batho ba matlo a bone a sentsweng ke tsela, mme  mo nakong eno go sena madi.

O tlhalositse fa batho ba le 341 ba ne ba tsisitse dingongorego tsa gore tsela e ba senyeditse matlo, mme mo go bone ba le 248 ba ne ba tshwanelwa ke go atswiwa, ba le 44 ba le kgakala le sekgala se se beilweng, fa ba le 39 ba sa saenela dikatso ka ba sa kgona go latedisiwa, ba le 7, go sena maranyego mo matlong a bone, fa ba le bararo ba ne ba sa dumalane le ditshekatsheko tsa bomaitsaanape.

O kopile ba ba sa saenelang dikopo tsa bone go ikgolaganya le khansele. O ne a  tlhalosa fa batho ba le 255, ba tsisitse dingongorego tsa bone morago ga nako.

Rre Leo o ne a tlhalosa fa molao o re fa motho a senyeditswe dikago ke ditlhabololo, o tshwanetse go atswiwa, ebile batho ba ka sutisiwa gore ditlhabololo di dirwe.

Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa bangwe ba ne ba duelwa gore ba ntshe dikago tse di mo tseleng, mme ba ise ba dire jalo.

Fa ba tswa la bone, banni ba supile fa ba senyegetswe ke matlo ka ntlha ya ditsela tse di neng da dirwa mo motseng, mme ba begela ba khansele, ba ba neng ba ba gakolola go ikwadisa kwa go ba konteraka.

Ba supile fa bontsi jwa bone bo ikwadisitse kwa go ba konteraka, mme kwa bofelong a tsamaya a sa ba duela.

Banni ba supile gape fa mong wa konteraka a ne a tsenya mohiri, ebong khansele dingalo, mme ba ipotsa gore fa a paletse khansele, bone ba ne ba ka mo kgona jang, ba supa fa gape go nnile le ketsaetsego ya gore ba ise dikopo tsa bone kae, se se bakileng gore ba ise dikopo go le thari.

Ba kopile khansele ya Kweneng go sekaseka kgang ya bone sesha.

Kwa bofelong, Rre Leo o ne a kopa banni go ba fa sebaka, go ya go rolela ba ba ba romileng dikgang tseo, ka ba lemoga dingwe di sa tsamaya sentle.

A supa fa ba tla a boela kwa banning go ba rolela phetolo. E ne erile a amogela baeng, Mothusa Kgosi Tumelo Puleng, a supa fa a itumeletse dipalo tse banni ba motse ba tsileng ka tsone, mme a ba kopa go tshwara fela jalo.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego

Date : 01 Mar 2022