Ba lela ka go jewa ntshoma
01 Mar 2022
Baruakgomo ba kgaolo ya C10 kwa kgaolong potlana ya Mahalapye ba lela ka tlhotlhwa e e kwa tlase e dikgomo tsa bone di rekwang ka yone.
Fa a bua kwa phuthegong ya barui kwa Mahalapye ka Labotlhano, moemedi wa barui ba C10 Rre Agobakwe Magapa a re barui ba tsere tshwetso ya go oketsa tlhotlhwa e kgomo e rekwang ka yone mo kgaolong ya C10.
A re go simologa Mopitlo, ba rekisa dikgomo ka P16/kg-P20/kg go na le P8.50/kg-P12/kg o ntse e rekwa ka ene mme ba kopa bareki go dirisana le bone sentle.
Rre Magapa a re tlhokomelo le kgodiso ya kgomo e a ba turela mme ba sa boelwe ke sepe se se nametsang fa ba sena go rekisa. A re tshwetso e, e gwethilwe ke ditlhotlhwa tse di kwa godimo tsa leokwane, dijo tsa leruo le melemo a supa fa se se ba tshwentseng le go feta e le gore kgomo mo dikgaolong tse dingwe e rekwa ka tlhotlhwa e e nametsang.
Rre Magapa a re ba dumelane go ikopanya ba nna setlhopha mme go nne le malatsi a mabedi mo bekeng a ba tlaa kgethang go rekisa dikgomo ka one gore di tle di rekwe ka ditlhotlhwa tse di botoka ka se se tlaa rotloetsa phadisano.
A re ba tlaa di pega gape le kwa Botswana Meat Commission (BMC) gore di goroge le kwa mmarakeng wa European Union, kwa di rekwang ka ditlhotlhwa tse di nametsang.
Rre Magapa a re botshelo jwa Motswana ke kgomo mme ba dumela fa lephata la temo thuo le sa fiwa madi a a lekaneng. O tlhalositse fa mo dingwageng tse di fetileng, temo thuo e ne e le yone e tsenyang letseno go gaisa maphata a mangwe.
A re ba kopa puso go sekaseka kabo ya madi a lephata leo ka e le lone konokono ya botshelo jwa Motswana. A re ba tshwenngwa gape ke kgang ya thekiso ya matimela ka dikgomo fa di beilwe ditshipi ebile di jesitswe omang di tshwanetse go batlisiwa beng go na le go rekisiwa.
Mogolwane wa maranyane kwa lephateng la boralophalo kwa kgaolong potlana ya Mahalapye, Rre Shafter Jabeng o rotloeditse barui go kwadisa masaka a bone gore ba kgone go rekisa kwa mmarakeng wa European Union.
A re kwadiso ya masaka e botlhokwa ka ke nngwe ya tse mmaraka wa European Union o di tlhokang gore ba kgone ba latedise kgolo le botsogo jwa dikgomo tse ba di rekang.
Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye a re o itumelela go bo barui ba ikopantse go tsaya kgato gore dilelo tsa bone di utlwale mme ba ba maleba ba tle ba di sekaseke.
Kgosi o rotloeditse gore ba dirisane go seka ga nna le dikgogagogano.
Fa ba tswa la bone, beng ba dikgwebo ba tlhalositse fa barui ba ba tshoganyeditse ka tshwetso ya go oketsa ditlhotlhwa mme ba re se se tlaa ama makalana a mangwe jaaka dikole le dipatela.
Barui ba gongoregile ka bogodu jwa leruo mo kgaolong ya bone, ba re dikgang tsa bogodu jwa leruo di tsaya lebaka go rarabololwa mme se e le sone se dirang gore di golele pele.
Ba re go seka dikgang tse kwa kgotla tshekelo go ba baya ka fa mosing ka go batliwa bosupi jo bo a bong bo setse bo senyegile fa dikgang tsa go nna jalo di tsena mme ba kopa gore lenaneo la Kgomo Khumo le tsweledisiwe ka le ne le leka fela thata go lwantsha bogodu ja leruo.
Mothusa mookamela mapodise a No. 16 District kwa Mahalapye, Assistant Superintendent Marks Masabae o rotloditse barui go bereka le mapodise go thusa go lwantsha bogodu ja leruo. O rotloeditsa barui go latedisa dikgang tsa bogodu jwa leruo gore di tle di bone tharabololo.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gracious Letsweletse
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego
Date : 01 Mar 2022