Breaking News

Segajaja sa COVID-19 se amile lenaneo la ditlhabololo

01 Mar 2022

Modulasetilo wa khansele ya kgatleng Rre Daniel Molokwe o tlhaloseditse banni ba Oodi le Modipane fa ditlhabololo dingwe di saletse kwa morago ka ntata ya tlhaelo ya madi kwa khanseleng.

Fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng o boletse fa madi a a neng a beetswe ditlhabololo tsa dikgaolo a dirisitswe mo go lwantsheng bolwetsi jwa COVID-19.

Modulasieilo Rre Molokwe o gakolotse banni gore ba seka ba baya sengwe le sengwe fela mo pusong le bone batle ka metlhale ya go itirela madi a go dira ditlhabololo mo metseng ya bone.

 Rre Molokwe o gateletse moono wa gore madi a fiwang dikomiti tsa ditlhabololo mo metseng ya Kgatleng a dirisiwe go baakanya fa go tlhaelang teng go na le go emela puso go dira sengwe le sengwe.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane go tswa lekalaneng la Tebelopele ya 2036 Mme Koontse Mokgwathi o tlhalositse fa maikalelo a lephata la bone ele go ruta setshaba ka botlhokwa jwa tebelopele ya setshaba.

Mme Mokwathi o rotloeditse banni go ithuta go le gontsi ka maikaelelo a dipilara tsa Tebelopele ya 2036, a supa se se ka thusa gore Batswana ba nne tshaba ee rutegileng gape ba tlhaloganya gore ditlhabololo tsa lefatshe la bone di tsamaya jang.

Kgosi ya Oodi, Rre Masego Semele o kopile gore khansele ya kgatleng e sekaseke seemo sa ditsela tsa motse, a supa fa di se mo seemong se se kgatlhisang.

Kgosi o ngongoregile gape ka borogo jwa Oodi-Matebeleng jo bo sa bolong go nna mo lenaneong la go agiwa.

O supile fa se se baka kgwetlho mo badirising ba tsela ka nako ya dipula.

Mme Sarah Segokgo yo e leng leloko la komiti ya ditlhabololo tsa Oodi o lekodisitse khansele fa komiti ya bone e le tlhaga go dira ditlhabololo tsa motse ebile maduo a bonala.

Mme Segokgo a re ba dira madi ka matlo a borobalo le tshimo. O supile fa ba na le sekolo sa bana ba bannye mme se santse se tswetswe ka mabaka a COVID-19.

Mme Segokgo o supile fa ba tshwengwa ke borukhutli mo motseng, are seemo se ka ritibatswa ke go tsengwa ga dipone mo mekgwatlheng. Mme Hellen Moloi yo ene eleng leloko la komiti ya ditlhabololo tsa Modipane o tlhalositse fa ditlhabololo tsa motse di saletse kwa morago ntswa ba supa maiteko a go direla motse wa bone.

Mme Moloi o supile fa matlwana a bana a boithomelo kwa sekolong sa bana ba bannye sa Modipane e se one a letlelesegang go ka dirisiwa ke bana ba ba nnye, mme se se kgoreletsa tiriso ya sekolo. O tlhalositse fa ba kopile khansele go ba rarabololela seemo se gore sekolo se kgone go tsena mo tirisong.

O ne a supa gape fa seemo sa poso ya Modipane se sa nametse mme e dirisiwa ke batho ba bantsi jaaka bagodi le babereki ba Ipelegeng. O kopile gore khansele e sekaseke go ba baakanyetsa poso le go  ba agela diofisi tse di phuthulogileng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Rhosaliah Moseki

Location : Mochudi

Event : Phuthego

Date : 01 Mar 2022