Kwadisang badisa kwa kgotleng
01 Mar 2022
Go tlhalositswe fa go le botlhokwa gore barui ba kwadise badisa ba bone kwa kgotleng fa ba ba hira, gore kgosi a kgone go ba botsa kwa ba tswang teng le gore ba ka tshwara mang fa go na le mathata.
Mafoko a, a boletswe ke kgosi Kaisara Phuthego wa Maboane, kwa bokopanong jwa mokgatlho wa Maboane Farmers Association ka Matlhatso.
O tlhalositse gape fa go le botlhokwa gore barui ba itsane le dikgosi le mapodisi, a tlhalosa fa se se ka thusa gore ba seka ba hira dilalome ba re ke badisa.
O tlhalositse fa ba tshwenngwa ke gore barui ba hira badisa koo, mme fa go setse go nna le mathata ke gone ba tabogelang kwa kgosing.
Fa a bua ka maikaelelo a letsatsi modulasetilo wa komiti Rre Robert Phetogo, o ne a supa fa ka ngwaga wa 2018 ka keresemose, ba ne ba nna le moletlo wa dijo tsa motshegare kwa ba neng ba tswa ka mogopolo wa go tlhama mokgatlho wa balemi-barui ba Maboane.
O tlhalosiste fa maikaelelo wa mokgatlho oo e le go batla go lema le go rua mo go nang le dipoelo. Rre Phetogo o ne a tlhalosa fa ba ne ba tlhopha komiti ya nakwana gore ba simolole mokgatlho, mme mo tsamaong ya nako ba emisiwa ke kiletso mesepele e e neng e bakilwe ke mogare wa COVID-19.
Le fa go ntse jalo o tlhalositse fa ba ne ba kgona go felela ba dira molao motheo wa komiti ba bo ba kgona go o kwadisa le go bula letlole la madi kwa bankeng le go kwadisa lebokoso la poso.
O tlhalositse fa bokopano jo e le go tla go tlhopha komiti ya nakwana e e tla a ba gogelang kwa ditlhophong tsa botlhe tsa go tlhopha komiti e e tla a ba gogang mo dingwageng tse pedi.
Rre Phetogo o supile fa phuthego eo e tla a tshwarwa ka kgwedi ya Phukwi monongwaga. O tlhalositse fa puso e rotloetsa gore banni ba tshwaragane.
Mokwaledi wa mokgatlho Rre Ezekiel Mere o ne a tlhalosa fa letlole la bone la banka le nnile lebaka le sa dirisiwe mme le batla go tsosolosiwa.
Rre Mere o supile fa go ikopanya go dira gore lentswe la bone le utlwale e le balemi barui, le fa ba bitsa balemisi kana bakenti go nna motlhofo ka ba itse gore ba ya go fitlhela setlhopha sa batho.
Mokwaledi o supile gore fa molemi/ morui a batla go nna leloko la komiti eo, o tshwanetse go tlatsa fomo le go duela madi a boloko, mme ngwaga le ngwaga ba tshwanetse go ntshafatsa boloko.
O tlhalositse gore fa dingwaga di ka feta di le pedi leloko le sa ntshafatse boloko le ka kobiwa, mme fa leruo la gagwe le jela balemi dijwalo ba ka koba leloko leo.
Rre Mere o boletse gape fa mongwe le mongwe a tshwanetse go dira sengwe mo setlhopheng.
Molomaganya ditiro tsa Temo thuo kwa Molepolole Rre Lepodisi Telekelo o ne a supa fa temothuo e le yone botshelo, a supa fa go le botlhokwa go dirisa madi fa ba lema le ba rua, gore kwa bofelong ba dire madi.
Rre Telekelo o supile fa Batswana ba tswa kgakala ba lema ebile ba rua mme le mo nakong ya gompieno ba sa kgone go ijesa kana ba rekisa nama ya bone kwa mafatsheng a Yuropa ka selekanyo se ba se tlhokang.
O kopile Batswana go itshekatsheka gore ba palelwa ke eng go rua le go lema mo go ka ba jesang le go isa nama e e lekanyeng kwa mafatsheng a sele.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Maboane
Event : Phuthego
Date : 01 Mar 2022