Kankere ya popelo ga se bokhutlo
01 Mar 2022
Bolwetse jwa kankere ya popelo wa molomo ga se pheletso ya botshelo.
Se se builwe ke Mme Mathudi Moremi yo o tlholegang kwa Mochudi.
O boletse fa re erile ka ngwaga wa 2016 a itemogela diphetogo tse di sa tlwaelesegang mo mmeleng wa gagwe.
Are diphetogo tse di ne di akaretsa metsi a a monko o o sa tlwaelesegang o tswa ka fa bosading.
Go ya ka Mme Moremi yo o dingwaga di masome a matlhano le bone, go ne go se bonolo go itsise rre ka monko o, ka jalo tlhakanelo-dikobo e ne ya nna thata.
“Go ne go le thata go itsise rre wame ka seemo se ka ke ne ke le mo tsietsong, ke ise ke tlhaloganye gore bothata e katswa ele eng,” Mme Moremi a bua jaana a tlatsa ka gore le bana mo lapeng o ne a ba lobela seemo se.
Mme Moremi are mo tsamaong ya nako, o ne a tsaya tshwetso ya go itekodisa kwa kokelong kwa baoki ba neng ba belaela fa a na le malwetse a dikobo ka jalo a neelwa kalafi ya malwetsi ao.
O tlhalositse fa kalafi e ne ya seke ya mothusa ka monko le ntswa a ne a ya kokelong seboa-boane.
Are le fa go ntse jalo, erile ka ngwaga wa 2016 a dira ditlhatlhobo tsa pap smear mme morago ga ditlhatlhobo tse di tseneletseng maduo a supa fa a na le kankere ya molomo wa popelo.
Are kankere e ya molomo wa popelo, e ne e setse e le mo legatong la boraro. Mme Moremi are o ne a tshela ka makoa mo mmeleng jaaka ditlhabi, go tswa madi a mantsi, metsi aa nang le monko le go tlhoka keletso ya dijo.
Are erile ka kgwedi ya Tlhakole ngwaga wa 2017, a robatswa kwa kokelong ya Princess Marina mme morago a fetisetswa kwa kokelong ya Gaborone Private.
Mme Moremi are o ne a robatswa dibeke di le thataro mme a fiwa kalafi ya Chemotherapy le Radiation. O supile fa erile ka ngwaga wa 2018 morago ga kalafi a ikgolaganya le mokgatlho wa Fighters Support Group yo eleng mokgatlho wa botlhe ba ba amilweng ke bolwetse jwa kankere.
Are mokgatlho o ne wa mo thusa go ikamogela le go mo nonotsha mo tumelong ka a kopana le bafenyi ba bolwetse jwa kankere ka go farologana.
Are o raletse dikgwetlho le matlhoko a a tliseditsweng ke bolwetse jwa kankere ya molomo wa popelo, ke ka moo a eletsang go rutuntsha setshaba bogolo jang bo mme ka bolwetse jo.
O rotloeditse bo mme go itekodisa gangwe le gape kwa go ba bongaka go itse seemo sa bone sa botsogo.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sandra Sethaiso
Location : Mochudi
Event : Tsa botsogo
Date : 01 Mar 2022