A molao o sireletse puo ya Setswana
28 Feb 2022
Maloko a lekgotla la baruti kwa Kanye a kopile gore Molao-motheo o tsenye tsetlana e e sireletse puo ya Setswana ka jaana ba re e a nyelela.
Ba buile jalo fa ba isa megopolo ya bone ka Mosupulogo, jaaka lekoko le le romilweng go sekaseka Molao-motheo le ne le kopane le makgotla a a ikemetseng.
E rile a ntsha la gagwe, Rre Cassim Tshoganetso a re go lebega fa tshaba eno e itewa tsebe ke dingwao tsa mafatshe a mangwe, mme go dira jalo go tlaa dira gore puo ya Setswana e nyelele ka jaana e sa tlhole e buiwa sentle.
O ne a ntsha sekai a re bogologolo motho yo o tshotsweng ka bogole o ne a bidiwa ‘segole’ mme a ikamogela seemo, jaanong gompieno ga twe a bidiwe mo-na-le bogole, e le tsela nngwe ya go supa tlotlo le mowa wa bopelotlhomogi.
A re ka jalo go na le kgonagalo ya gore kokomane e e tlang e latlhegelwe ke puo e e lolameng, a kopa gore Molao-motheo o mosha o tsenye tsetla e e sireletsang puo ya Setswana se se lolameng se bana ba ka se rutwang ba bo ba se tlhaloganya.
Bishop Keolopile Themba le ene o ne a gatelela ntlha eo, a supa fa mo Molao-motheong go sena tsetlana epe e e laolang puo le mafoko a a siametseng go dirisiwa.
A re fa go sa akofelwe go baakanya, Botswana o tlaa fetoga ga mmapereko.
A re go tsitsibanya mmele go bo malamente a dirisa mafoko a a botlha mme a reediwa le ke bana.
Mo go tse dingwe, Bishop Themba o ne gape a kopa gore Molao-motheo o dire gore botlhe ba ba amegang mo bogodung jwa leruo ba le dingwaga di masome mararo go ya tlase ba kgwathe kwa kgotleng.
A re banana bangwe ba dirisiwa ke batho ba ba nang le madi go dira ditiro tsa borukutlhi, a tlatsa ka go re go dira jalo go felela go ba senyetsa bokamoso ka jaana ba tsewa menwana ke mapodisi ba tsenngwa mo bukeng ya dirukutlhi.
Fa a bua mo boemong jwa balemi, Rre Kitso Kelosiwang ene o ne a kopa gore puso e sekaseke go oketsa lefatshe la temo le gone go sireletsa balemi mo dibataneng tse di ba tlhorontshang.
Bangwe ba ba ikemetseng ka nosi le bone ba ne ba latlhela la bone mme Rre Boiki Gaofiwe a kopa gore molao-motheo o dire gore lekgotla la ditlhopho le nne ka fat lase ga palemente e seng Ofising ya ga Tautona jaaka gompieno.
A re makgotla a sepolotiki le one a thusiwe ka madi go nonotsha ditsamaiso tsa one le gore makhanselara a fiwe dingwaga tse di lesome ba ntse ba le mo tirong go na le tsa gompieko tse tlhano.
Rre Okathusa Mashabane e ne o ne a kopa gore fa motho a kwadisa kereke a lopiwe go tla ka maloko a le masome mabedi e seng lekgolo le masome a matlhano ka palo eo e thata go bonwa.
O ne a kopa gape gore Molao-motheo o mosha o tlhatlose Ntlo ya Dikgosi gore e nne mo seemong sa palamente, a re go dira jalo go tlaa thusa dikgosi go dira melao ka kgololesego.
Rre Babi Kgosimodimo ene a re Molao-motheo o papamale gore o sekasekwe morago ga dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano a bo a kopa gore o kwalwe ka Sekgoa le Setswana. BOPA
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : KANYE
Event : Phuthego ya tshekatsheko molao motheo
Date : 28 Feb 2022