Breaking News

Bomme ba kgothadiwa go emana nokeng

28 Feb 2022

Moeteledipele wa mokgatlho wa  Dingwetsi Association Mme Grace Silva o kgothaditse bomme go emana nokeng ka nako tsotlhe go hema dikgwetlho tsa botshelo.

Mme Silva yo gape eleng mosimolodisi wa mokgatlho o, o buile  se kwa moletlong o o neng go kopane bomme ba ba nyetsweng go tswa mo dikgaolong tse di farologaneng  kwa Tamasane ka mafelo a beke. Maikaelelo magolo a moletlo o, ene ele go rutana ka tsa botshelo.

O supile fa dipalo tsa bomme mo lefatsheng di le kwa godimo go na le tsa borre, mme se se gakgamatsang ke gore bontsi jwa maemo a a phadisanelwang a mo diatleng tsa borre gona le bomme,a re se se supa  gore bomme ga ba a tshwaragana. O tlhalositse fa bomme ba tshwere ditalante tse di farologaneng e bile ba na le bokgoni   fa ba tshwantshanngwa le borre, mme go tlhoka fela gore ba bereke mmogo gore ba iphitlhele le bone ba tshwere maemo a a kwa godimo.

A re metlha ga e sa tlhole e le ya maloba e nne mme a nyalelwa go tlhokomela bana le rre  wa gagwe, a tlhalosa fa mo malatsing a  gompieno a a thata  go tlhoka bomme ba ba bulegileng ditlhaloganyo ka tsa kgwebo gore ba kgone go tlamela malwapa a bone.

Mme Silva a re se se nametsang pelo ke go bona  bomme bangwe ba   tshegeditse  maemo a a kwa godimo a nne a tlwaelesegile e le a borre, a re se ke se se rotloetswang ke bomme ba mokgatlho wa Dingwetsi Association.

E ntse e le go ne kwa moletlong oo,moruti Kedirile Dikaelo wa Christian Manifesto o ne kgothatsa bomme go emisa go inyatsa, a supa fa mme a tshotswe e le moeteledipele wa setshaba.

A re boeteledipele jwa ga mme bo simologa kwa lwapeng ka tiro e ntle ya go godisa bana go ba dira batho ba ba nang le boikarabelo mo setshabeng.

O ne a gatelela ka gore, Setswana se se reng ga e nke e etelelwa ke manamagadi pele  se siilwe ke nako ka   go setse go supafetse fa bontsi jwa bomme ba tshwere maemo a a fetang a borre.

 Le fa gontse jalo Mme Letshwao Tumelo go tswa Mmutlane, o ne a supa fa a sala a nna leloko la mokgatlho ka  ngwaga wa 2017 mme a  ithutile go le go ntsi ka kago ya lelwapa. Mme Tumelo a re bokopano jwa go nna jaana bo mosola ka ba amogana maele a botshelo ka bontsi jwa malwapa a gateletswe ke lehuma ntateng ya mogare wa  COVID-19.

 Kwa bofelong Mme Salome Lesole yo eleng mongwe wa leloko la komiti ya mokgatlho, o ne a rotloetsa bomme go kgothatsa bomme ba bangwe go tsena mokgatlho o bogolo jang thata banana gore mokgatlho o kgone go gola. A re ele baeteledipele ba morafe, ba tshwentswe thata ke dipolaano tsa banana le go thubega ga malwapa, a kgothatsa bomme ba mokgatlho go thusana le puso go fokotsa dikgang tsa go nna jaana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Tamasane

Event : Moletlo

Date : 28 Feb 2022