Breaking News

Ba kopa gore ofisi e iponatse

28 Feb 2022

Bahumagadi ba dikgosi tsa Morolong ba kopile ba ofisi ya bong gore ba iponatshe mo setshabeng.

Se setla morago ga gore ba ofisi eo ba bitse phuthego ya bahumagadi botlhe ba kgaolo ya Morolong kwa motseng wa Pitsane ka Labone jaaka kgaolo e ipaakanyetsa go tshwara moletlo wa letsatsi la bo mme.

Mothusa moeteledipele wa ofisi ya bong gotswa kwa Gaborone, Mme Phemelo Maiketso o boleletse bahumagadi gore jaaka ele bo mmabatho, go mo maruding a bone go nna sekao fa go tla mo mererong ya tsa go tlhabolola seemo sa bong mo Botswana.

O supile fa ba tshwanetse ba itse gore ditiro di tshwana le tsa go nyeletsa lehuma mo metseng ya bone, go babalela seemo sa matshelo a batho le go ruta setshaba segolo jang bo mme, go nna le seabe mogo tseeng ditshwetso ele tiro ya bone.

Mme Maiketso o boletse fa diofisi tseo tsa bong dile mo dikgaolong tsotlhe tsa lefatshe leno, a tlhalosa fa tiro ya tsone ele gofa bogakolodi. O tladitse ka gore ba itebagantse gape le go okamela le go gokaganya ditirelo tse ba thusang setshaba ka tsone.

Fa ba tswa la bone, bahumagadi ba ne ba tlhalosa gore ere le ntswa ofisi eo e tshwere ditirelo tsedi botlhokwa, mathata ke gore ga e bonale sentle mo setshabeng.

Ba re go ka nna motlhofo thata mogo bone fa lephata leka tsamaya le dikgotlana mo kgaolong go ruta bahumagadi le bo mme ka mananeo a ofisi eo.

Bare se seka tswela kgaolo mosola thata ka jaana ele kwa morago ka dikitso. Bahumagadi ba re lehuma le apesitse kgaolo kobo ka letshoba, selo seba reng se rotloetsa kgokgontsho ya bong.

Ba tlhalositse gape gore go botlhokwa gore ditsetlana tsa go ikopela dithuso ko diofising tseo le tsone di tlhofofadiwe ka puo ya Setswana. Fa aba kgwa dikgaba, mme Maiketso oba rotloeditse gore ba netefatse gore ba ikitaya ka thupana, a tlatsa ka gore ba seka ba leba fela dithuso tsa puso. O tlhalositse gore makalana aa ikemetseng ka nosi jaaka la CEDA le one a thusa fela thata. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Pitshane

Event : Phuthego

Date : 28 Feb 2022