Breaking News

Boranyane bo tlaa tokafadiwa

28 Feb 2022

Boranyane jwa go duela banana ba ba dirang mo maphateng ka go farologana ka fa tlase ga lenaneo la Tirelo Sechaba bo tlaa simolola go dirisiwa kgwedi ya Moranang e rogwa go tokafatsa ditirelo tse di isiwang ko bananeng.

Fa a bua mo thuto-seka dipuisanyong le banana ba ba tseneletseng mananeo a National Internship, Tirelo Sechaba le la boithaopi mo Tsabong bosheng, mogokaganya mananeo ao, Mme Mavis Ofentse a re e tlaare ka Moranang banana ba bo ba simolola go duelwa ka boranyane nako e le nngwefela go na le go duelwa ka digongwana-gongwana.

A re boranyane jo bo tlaa dirisiwang bo tlaa duela monana mongwe le mongwe go sena madiadia. Gape a re banana ba tlaa tsenya ikopelo tsa bone tsa go tsena mo lenaneong leo ka boranyane go fa mongwe le mongwe sebaka gongwe le gongwe ko a leng teng mme seo se tlaa fokotsa mosuke mo diofising. A tlhalosa gore boranyane joo bo ntse bo le mo ditekeletsong mme jaanong di ya motsubong ka kgwedi ya Mopitlo.

Mogolwane yoo o gakolotse banana go re ba ikwadise le Human Resource Development Council (HRDC) gore go bonwe gore bontsi jwa letlhoko la ditiro bo kae mo dikarolong tsa itsholelo. A tlatsa ka gore ka fa tlase ga mananeo a Tirelo Sechaba banana ba na le tshwanelo ya go itlhophela ko ba batlang go isiwa teng mme fa monana a lemoga gore e kare fa a teng ga go nyalane le dithuto tsa gagwe o letlelelwa go fetola ga ngwefela.

A re banana ba tshwanetse go itse gore ga ba a tshwanela go boelela mo lenaneong gore ba fe ba bangwe sebaka bone ba gatele fa pele. Mme Ofentse a re mananeo ao a rotloetsa mowa wa boithaopo, go rotloetsa boitsholo jo bontle, le go aga baeteledipele ba ka moso, go supegetsa banana ditshono le go ba tlhatlhelela ka botsipa mo meberekong.

A re ke ka moo ba lekotseng banana go kopana le bone go tsaya matshwenyego le dikakgolo tsa bone go bona gore go ya pele mananeo ao a ka baakanngwa fa kae morago ga gore go tsewe nako e telele go sa kopanwe ntateng ya go tlhagoga ga mogare wa COVID-19.

A re lenaneo la National Internship lone le kanokilwe ka ngwaga wa 2020 mme mabaka a go le tokafatsa a santse a sekasekwa. Mathata a mangwe a setse a rarabolotse fa a mangwe a santse a tlaa baakanngwa.

O supile gore bontsi jwa banana ba ne ba ntsha matshwenyego a gore ga ba bone dikitso ka lenaneo leo sentle le gone gore lemmenyana le ba le tsayang ga le goroge ka nako. Ka jalo a re jaanong dipaakanyo di tsweletse go tokafatsa nako e ba duelwang ka yone.

O ba gakolotse gore go botlhokwa gore ba nne ba isa mokwalo o o supang gore ba simolotse tiro. O gakolotse le babereki ba banana ba berekang ka fa tlase ga bone gore go nne le moalo wa gore monana o tlaa bereka jang, a bereka eng. A re seo se ka thusa gore banana ba seka-sekwa jang (PDPs) gore ba ithute sengwe fa ba berekelang teng.

E re lentswa go ntse jalo, mogolwane yoo a re ba tshwenngwa ke banana ba ba sa yeng ditirong go sena mabaka ka jalo ba kgaolelwe madi fa ba itseela malatsi ba sa rerisa baeteledipele ba bone. O rotloeditse gore ba ba eteletseng pele ba ba tseele dikgato ka seo e tlaabo e le go ba tsenya mo tseleng.

Fa a tswa la gagwe, mogokaganya ditirelo tsa lephata la Tlhabololo Banana Metshameko, le Ngwao wa kgaolo ya Kgalagadi, Rre Moeti Godisamang a re mananeo ao a mosola thata ka a fa banana maele a botshelo le gore go berekwa jang ko ditirong. Ka jalo mananeo ao a ikaelela go ntsha Motswana o o itseng ngwao ya gagwe, tsamaiso ya puso.

A re e re ka mabogo dinku a thebana, lephata leo le berekisanya le maphata go tsenya banana baba ikopetseng mo maphateng a puso ka go farologana. Are go botlhokwa go rerisanya le maphata go ithuna dinta go bona gore mananeo ao a a tokafadiwa. Ka jalo a re go botlhokwa gore banana ba nne le seabe mo go tsweng ka megopolo go tokafatsa mananeo ao le gone go itshekatsheka go bona gore ba ithutile eng mo mananeong ao.

Fa ba akgela banana ba kopile gore madi a a okediwe. “Nna ke bona o kare nako e tsile ya gore le re akanyetse le re okeletse madi,” ga bua monana, Mme Boingotlo Maruping.

Mme Keneilwe Tebele ene o ne a kopa gore fa banana ba ima ba tswelele ka go duelwa gore ba kgone go tshela fa ba ile botsetsing go na le gore ba nne dikgwedi tse tharo ba sa amogele ka ba duelwa fela fa ba berekile.

Moemedi wa banka ya Stanbic, Rre Seabelo Seele ene o gakolotse banana gore banka eo e na le polokelo ee buletsweng banana fela e e bidiwa Unayo mme e thusa banana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse masome a mararo le botlhano mme e sa ba lope dituelo dipe. Mokhanselara wa Tsabong Bokone, Rre Kabelo Coetzie ene o ne a rotloetsa banana go tshwara ka natla fa ba direla lefatshe. O gakolotse baeteledipele mo ditirong gore ba tiise moko ba ba rute tsamaiso. O kopile banana go tsaya tiro ka tlhoafalo, ba tle ka nako mo tirong mme ba nne le boikarabelo le boitshwaro jo bontle mo ditirong. A re ba emise go lofa ba sena mabaka ba itse gore ba tshwanetse ba bereka fela jaaka o kare ke babereki ka gore keletso ke gore ba gole. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Tsabong

Event : Thuto-seka-dipuisano

Date : 28 Feb 2022