Breaking News

Tlhokomelang ba-na le bogole

28 Feb 2022

Mokhanselara wa kgotla ya Boseja bokone kwa Mochudi Rre Kabelo Pilane o kgadile a sa kgwe mathe batho bangwe ba ba dirisang ba-na-le-bogole botlhaswa.

Rre Pilane o buile se kwa moletlong wa ipelelo letsatsi la baratani o o neng o rulagantswe ke ba mokgatlho wa Madikwe Community Care Group kwa Artesia ka Labone.

O rotloeditse batlhokomedi ba ba-na-le-bogole le setshaba ka kakaretso go ikitaya ka thupana go lwantsha kgokgontsho ya bong mo go ba ba tshelang ka bogole. O ba kopile go ikgolaganya le ba molao ka ditiragalo tse, a tlatsa ka gore go bipa dikgang tsa kgokgontsho go sa siama ka go rotloetsa badira-molato go tswelela.

Fa a rola molaetsa wa letsatsi mo setlhogong se se reng, Ithate, Modulasetilo wa mokgatlho wa Botswana Council for the Disabled Mme Dorcus Taukobong o kaile fa go le botlhokwa go ruta ba-na le-bogole go ithata le go ikamogela.

Mme Taukobong o rotloeditse setshaba go akaretsa le go tsaya ba-na-le-bogole ka tekatekanyo bogolo jang mo dithutong tsa botsogo. O rotloeditse batlhokomedi ba ba-na-le-bogole go tsaya ditaelo tsa ba bongaka gore ba ka ba tlhokomela jang.

O ne a  rotloeditsa gape le ba-na le bogole go itekodisa kwa dikokelwaneng gangwe le gape, a re se, se thusa gore malwetsi a bonwe abo a alafiwe a ise a jwelele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Sandra Sethaiso

Location : Artesia

Event : Moletlo

Date : 28 Feb 2022