Bana ba abelwa dimpho
28 Feb 2022
Mokhanselara wa Maunatlala Mme Salome Lesome o abetse bana bale bane ba sekole sa Maunatlala JSS ba ba pasitseng ka maemo a ntlha mo ditlhatlhobong tsa makgaolakgang tsa lekwalo la boraro dimpho.
Fa a amogela dimpho tseo bosheng mogokgo wa sekole , Rre Kebame Montwedi one a leboga Mme Lesome go bo a eme sekole sa bone nokeng ka nako tsotlhe.
Rre Montwedi o ne a tlhalosa fa Mme Lesole a itlamile gore ngwaga le ngwaga o abela bana ba ba pasitseng ka maemo a ntlha le go feta madi a kana ka P1 000 mongwe le mongwe.
Rre Montwedi o ne a akgola le bana go bo ba tlogetse ba itiretse leina mo sekoleng ka go dira sentle mo dithutong tsa bone.
A re bana ba, ke basimane ba babedi le basetsana ba babedi, a supa fa ene ele bana ba ba nang le boitshwaro jo bo siameng a re fa go na le boitshwaro le botho jo bo elesegang maduo a mantle a nna teng.
A re maiteko a bone a supile gore ke bana ba ba itseng se ba se batlang, a ba rotloetsa gore baye go tswelela ba dira ka thata gore ba fitlhelele ditoro tsa bone.
Rre Montwedi a re bana ba, ba kgonne go pasa le ntswa sekolo sa bone sene sena le dikgwetlho tsa botlhoka tsebe le COVID-19.
O ne a ba gakolola gore le kwa ba ya teng ba diheme dikgwetlho ka boitshwaro jo bo siameng jo ba neng ba bosupa . O ne a akgola batsadi ba bana ba a re ba agile motheo o nonofileng wa kgodiso ya bana.
Fa a rola dimpho Mme Lesole a re go botlhokwa gore ele baeteledipele ba motse ba eme nokeng thuto ya bana.
Mme Lesole a re go dira jalo ke go kgothatsa bana go bereka ka thata gore ba bone maduo aa nametsang.
O ne a rotloetsa bana le barutabana go dirisana sentle a tlhalosa fa go le botlhokwa gore ba-na-le seabe ka kakaretso ba eme sekolo nokeng go hema diemo tse di teng.
Modulasetilo wa komiti ya dtlhabololo tsa motse wa Maunatlala Rre Opelo Keseme o ne a supa fa tiro e ele tona ka e rotloetsa bana go iteka.
Rre Keseme o akgotse bana ba, a re ba tsholeditse serodumo sa sekolo sa Maunatlala, a tlatsa ka gore sekole se, se alositse batho ba le bantsi ba ba tshwereng maemo a kwa godimo mo lefatsheng.
O ne a kgothatsa bana go tswelela ba itshwere sentle le ko bayang teng le go ikanya Modimo ka nako tsotlhe. Morutabana Mme Gabalebatse Tias le ene o ne a abela bana ba, dikobo ka maikaelelo a go ba kgothatsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Maunatlala
Event : Kabo dimpho
Date : 28 Feb 2022