Breaking News

Ba tshwaretswe go itseela molao

28 Feb 2022

Mapodisi a Serowe a tshwere babelaelwa ba le masome a mararo le bobedi ba motse wa Tshimoyapula mabapi le melato e le mmalwa go balelwa ya go tshuba diofisi tsa kgotla morago ga dikgoberego mo motseng oo ka Laboraro

Mo potsolosong le ba BOPA, mogolwane wa mapodisi a kgaolo ya Serowe, Senior Superintendent, Paul Oketsang o boletse fa go tshwerwe bomme ba le lesome le bosupa le borre ba le lesome le botlhano mme mo teng bagolo ba  boferabobedi.

Snr Supt Oketsang o boletse fa ba lebisitswe melato ele mmalwa go balelwa wa go keteka batho, go tshuba diofisi tsa puso le go kgobokana ese ka fa molaong.

O boletse fa ba belaelwa ba ne ba  amanya batho bangwe le go sa bonweng ga rre mongwe wa leina la Ketlhogile Batenegi wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano.

Rre yoo, go bolelwa a nyeletse ka kgwedi ya Herikgong ele lesome le bone bosigo, a sena go laela ntsalae gore o ya go tsenya dipina mo mogaleng wa gagwe.

Go bolelwa fa morafe o ne wa keteka rragwe rre yoo mo ebileng a santse a alafelwa dikgobalo ko sepateleng sa Sekgoma mo Serowe.

Babelaelwa bao ba Tshimoyapula ba ne a tswelela ka go itseela molao mo diatleng ka go tshuba kantoro ya kgotla e e nang le ditsompelo di tshwana le radio tsa sepodise, dipampiri tsa ditsheko, ditlilo le ditafole mme tsotlhe tsa lora. Go bolelwa fa diokomela bagwe le tsone di thubilwe.

Snr Supt o boletse fa ka nako ya fa mapodisi a kgona go hema seemo batho bane ba befile fela thata mo baneng thuba difensetere tsa koloi ya sepodisi.

 Ramapodisi o boletse fa melato e ba e dirileng ele metona fela thata ka ebile ofisi ya kgotla ele gone ko morafe o bonang dithuso teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Potsolotso

Date : 28 Feb 2022