Breaking News

Mothusa tona o lekola sekole sa Maunatlala

27 Feb 2022

Mothusa tona wa Dikgaolo Tlhabololo Magae Rre Sethabelo Modukanele o kopile banni le batsadi ba motse wa Maunatlala go ema ka dinao go lwantsha botlhoka tsebe jo bo dirwang ke bana mo motseng wa bone.

Rre Modukanele o buile se ka Labone fa a ne a ile go lekola sekolo se segolwane  sa Maunatlala morago ga tiragalo ya matlhotlhapelo ee diragetseng kwa sekolong seo bosheng.

O ne a lekola sekole, bogogi jwa motse, ba malwapa a bana baba amegile kwa Seolwane, Mokokwana, Mosweu gammogo le gone mo Maunatlala.

E rile ka kgwedi ya Tlhakole ele lesome le boferabobedi  ga begiwa fa bana ba sekole se segolwane sa Maunatlala ba tlhasetswe ke dilalome bosigo kwa matlwaneng a bone a boroko, mme  ga betelelwa basetsana bale batlhano ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le boraro le lesome le botlhano ba ba dirang lekwalo la ntlha.

Mothusa Tona yo gape a leng mopalamente wa Lerala/Maunatlala o ne a ba tlhalosetsa fa tiragalo eo, e sa ama bone bale nosi, mme e tshwentse puso le setshaba ka kakaretso.

O ne a tlhalosa fa borukutlhi  bo ile magoletsa mo lefatsheng gammogo le botlhoka tsebe jwa bana ba dikolo.

A re tiragalo e, e  ngomola pelo fela thata ka e bile e diragaletse bana ba,ba sale bannye ba santse ba bopa bokamoso jwa bone ka thuto.

Ka jalo Rre Modukanele a re ke nako ya gore botlhe ba eme ka dinao go lwantsha botlhoka tsebe jo bo dirwang ke banana.

A re borukuthi bo gaketse mo lefatsheng ka jalo go tlhoka gore batsadi ba atamele bana ba bone gore batle ba lemoge fa ba  dule mo tseleng, a tlatsa ka go kopa batsadi go gogela bana mo modimong ka gore go boifa modimo ke tshimologo ya botlhale

A re puso e kgala kgokgontsho, e bile e tlhomile komiti ee lwantshang  kgokgontsho, a tlatsa ka gore ke nako ya gore ba-na le seabe ka kakaretso ba thulanye ditlhogo go bona gore tsela ya  kgodiso ya bana e fapogilwe fa kae.

O ne a leboga bodiredi jwa thuto le khansele go bo  ba tsweletse ka go thusa bana le batsadi ka go ba kgothatsa le go ba sedila maikutlo mo nakong ee thata e ba mo go yone.

Mogokgo wa sekolo se, Rre Kebame Montwedi a re seemo se, se ba ba thubile dipelo. Rre Montwedi o tlhalositse fa ene ya re bosigo jwa Labotlhano dilalome tsa tlhasela bana ba basetsana kwa matlong a boroko, ba ba betelela  le go ba itaya  ba ba supile ka dithipa.

A re dilalome dine tsa  tshosetsa bana gore ba bule lebati e seng jalo ba tshuba ntlo , mme bana bane ba bula ka bane ba tshogile thata.

A re ene yare  dirukutlhi tse di sena go tsamaya bana ba tlhaba mokgosi mme morago ga go bona tiragalo e baba rwalela kwa sepateleng sa Palapye ko baneng ba tlhatlhobiwa le go sekwasekwa teng. 

Rre Montwedi a re ba ne ba isa bana baba amegileng kwa malwapeng, a tlholosa fa ba tsweletse ka go sidilwa maikutlo.

Fa ba tswa la bone batsadi ba bana ba ba amegileng, ba ne ba supa fa tiragalo e, e ba utlwisitse botlhoko fela thata.

Le fa go ntse jalo ba supile fa go kgothadiwa le go sidilwa maikutlo ke bodiredi ka go farologana go tlaa ba thusa go amogela  seemo, ba ntse ba tsweletse ba tshepile Modimo.

Ba supile gape fa tiragalo e, e sa ama bone fela, mme e amile le bana baba setseng kwa sekolong ka bangwe ba bone ele masika a ba ba amigile e bile ba tshogela matshelo a bone.

Ba kopile gore go hema seemo se go okediwe batlhokomedi ba dikago , go ntshiwe sekgwa mo tikologong ya sekolo, go tlhagolwe gape go nnetefadiwe  gore dipone di a tshuba.

Ba ne ba tlhalosa fa sekole se, se sa babalesega ka gore pele ga tiragolo e e botlhoko e, go ne ga diragala bogodu jwa diaparo le mepako tsa bana ba sekole, ka jalo ba kopa gore go tsewe dikgato tse di lebaneng go baakanya gore bana ba nne ka phuthologo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : MAUNATLALA

Event : loeto

Date : 27 Feb 2022