Mapodisi a tlhotlhomisa bogodu jwa leruo
27 Feb 2022
Mapodisi a Werda a tshegeditse mme mongwe le ba lelwapa la gagwe, go ba thusa mo ditlhotlhomisong morago ga go fitlhelwa ba itiretse moraka mo sekgweng ka leruo le e seng la bone.
Mookamela mapodisi a Werda, Superintendent Mompoloki Ramatsia a re ba amogetse pego ka Tlhakole a le lesome, go tswa kwa baruing ba ba latlhegetsweng e dipudi mme morago ba latedisa motlhala wa dihutshane tseo tse ba di fitlhetseng kwa lesakeng lengwe le le neng le agilwe fa gare ga sekgwa, sekgala sa dikhilomithara di le masome a mabedi go tswa kwa Werda.
A re e ne ya re go goroga, ba fitlhela lesaka leo le rile thii! ka dipudi le dinku tsa masaka a a farologaneng mme ya re morago ba loma mapodisi tsebe.
Superintendent Ramatsia a re mapodisi ba ne ba ya kwa lesakeng kwa ba fitlhetseng palo ya dinku le dipudi e le masome a mararo le botlhano (35) mme ba di gapa gore beng ba lesaka ba di latele kwa mapodising.
A re ya re ditlhotlhomiso di tsweletse ga tshwarwa mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mane le bobedi, ngwana wa gagwe wa rre wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano le rre mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi, morago ga gore go supafale fa lesaka e le la mme yoo. Superintendent Ramatsia a re mapodisi ba ne ba botsa babelaelwa dipotso ka leruo mme ba inanatha ba palelwa ke go tlhalosa gore ke la ga mang.
Babelaelwa ba ne ba supiwa fa pele ga lekgotlatshekelo Tlhakole a le lesome le bongwe go ba tshegetsa ka nakwana fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse.
Supt Ramatsia a re ba tlaa nna kwa kgolegelong malatsi a le lesome le bone mme ba tlaa bulelwa kgwedi ya Mopitlo a le malatsi a mararo.
O tlhalositse fa barui bangwe ba ne ba nna lesego fa ditlhotlhomiso di tsweletse ka go nnile le batho ba le supa ba ba setseng ba supile fa dihutshane tseo e le tsa bone.
A re se se hakgamatsang ke gore bangwe barui ba ba setseng ba supile gore dingwe dihutshane ke tsa bone, ba tswa bokgakala jwa Keng, mo go supang gore bogodu jwa leruo bo tsere phekelo e sele ka magodu a dirisa dikoloi go le utswa.
Superintendent Ramatsia o tlhalositse gore gongwe le gongwe kwa barui ba ka utlwalelang teng gore go tshwerwe leruo, ba seka ba ipona tsapa ba re go kgakala, ba ye teng ka gore bogodu jwa leruo bo tsere phekelo e sele.
A re mo nakong ya gompieno, beng ba leruo le le mo masakeng a mapodisi kwa Werda ba kgonne go lemoga leruo le le lesome le boherabobedi mo go tse masome a mararo le botlhano mme ga ba ise ba di neelwe ka mabaka a gore di santse di tlhokometswe e le bosupi jwa mapodisi.
O gateletse botlhokwa jwa gore barui ba tshube leruo ka nako, ba etele meraka ya bone kgapetsa-kgapetsa, ba bo ba tshwae leruo gore ba kgone go le lemoga motlhofo.
Superintendent Ramatsia o kopile gore barui ba nne ba tsamaele kwa masakeng a mapodisi a Werda, go tlhodumela gore a dihutshane tse di koo ga se tsa bone.
A re bogodu jwa leruo bo a tshwenya kwa kgaolong ka gore bontsi jwa nako le tlodisediwa kwa Afrika Borwa.
Superintendent Ramatsia o tlhalositse gore katlholo ya bogodu jwa leruo ga e na madi mme fa babelaelwa ba ka bonwa molato, ba ka tsena mo kgolegelong mme fa mosekisiwa a ka bonwa molato e le lantlha, o ka atlholelwa dingwaga tse tlhano go ya kwa go tse lesome le botlhano mo kgolegelong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : WERDA
Event : potsolotso
Date : 27 Feb 2022