Letsema le tsweletse sentle
27 Feb 2022
Lekoko le le romilweng ke Tautona go sekaseka molao motheo le mo bekeng ya bone le ntse le tsena motse le motsana go utlwa megopolo ya Batswana gore ba eletsa molao motheo o ka tokofadiwa jang.
Mo bekeng e e fitileng lekoko le ne la leba kwa kgotleng ya Matllhalerwa kwa Molepolole mme morago la leba kwa Suping, Manyana le Moshupa ka go latelana ga malatsi.
Fa a ntsha tshoboko ka loeto la beke eo, mokwaledi wa lekoko Mme Pearl Ramokoka o supile fa letsema le tsweletse sentle, a tlhalosa fa mo mafelong otlhe a ba a tsamaileng ba ne ba atlegile thata ka jaana morafe o ne o ketemetse ka dipalo tse di nametsang, ba supa fa ba nyoretswe go tsaya karolo mo go tokafatseng molao motheo wa bone.
A re mo mafelong ao, bontsi jwa Batswana ba ne ba supa fa ba tshwenyegile ka dikgang tsa go letlelela babelaelwa ba molato wa polao kana petelelelo go letela tsheko ba le kwa ntle; tsamaiso ya lefatshe; matimela le ditshwanelo tsa bana magareng ga tse dingwe.
O boletse fa kwa dikgaolong tsa Kweneng banni ba ne ba bua ba sa kgale mathe ka bo raboko ba ba tlhorontshang le dipolaano tse di ileng magoletsa mme ba kopa gore molao o mosha o gagamatse badira molato phogwana ka go oketsa dikatlholo.
Mme Ramokoka a re banni ba ne ba supa fa bangwe ba kgona go fitlhelwa ka dirwe tsa batho mme se se ngomolang pelo ke gore e kare molao o ba eme nokeng ka jaana o ba letla go letela ditsheko kwa ntle lentswa bosupi bo le teng. A re banni ba kopile gore molao o tlhofofatse gore fa motho a dirile molato wa polao a seke ka bofefo mme fa a bonee molato a kalediwe, fa bangwe ba re ba ba ba thubetsang le bone ba kgaolwe dirwe tse di ba dirang gore ba thubetse.
O tsweletse a re ba kopile gape gore molao o mosha o kgapele ntle go letela tsheko kwa ntle ka jaana go dira jalo go neela modiramolato sebaka sa go tswelela a inaakanya le ditiro tsa borukutlhi.
A re banni ba gateletse gape fa go dira jalo go tlhokofatsa maikutlo a badirelwa molato ka go lebega e kare molao o sireletsa thata modiramolato go na le yo o diretsweng molato.
Mme Ramokoka a re ka jalo banni ba kopile gore molao o mosha o rekegele ditshwanelo tsa modirelwa molato.
Mokwaledi wa lekoko o boletse gape fa kgang e e neng e tlhagelela thata mo diphuthegomg e le ya bogodu jwa leruo a re banni ka bontsi ba kopile gore molao motheo o letlelele gore ditsheko tsa leruo di sekwe mo makgotleng a Setswana ka jaana dikgosi di ka di tsamaisa botoka. A re barui ba re ba latlhegelwa ke dikgang ka jaana ba sa kgone go ipatlela babueledi ka ntlha ya letlhoko la madi.
A re Batswana ba supile gape fa ba tshwenyega ka kgang ya matimela mme ba ikuela mo pusong gore e thuse go batla beng ba dikgomo ka jaana di a bo di na le ditshipi.
A re ba tlhalositse gore kgomo ga e ka ke ya nna letimela e na le tshipi mme ba kopa gore puso e batlisise mong wa yone e bo e mo lefise ba re seo se ka fokoletsa puso morwalo wa go tlhokomela diruiwa tseo.
Mme Ramokoka a re go lemotshega fa kgang ya tsamaiso ya lefatshe le yone e sa jese banni diwelang mme ba ikuetse gore molao o mosha o letle gore dikgosi di tshwaragane le ba kabo ditsha mo go abeng lefatshe ka jaana di itse masope a merafe ya bone botoka.
Mme Ramokoka a re banni ba re ba swabisiwa thata ke go bona ba kabo ditsha ba latola lefatshe mme kgabagare ba bone le abetswe batswakwa ba tlatsa ka gore le masope a bone a neelwa batho go sena morero.
A re makgotla a baruti le one a supile fa a tingwa lefatshe ka jaana go twe ba phadisanye le baikopedi ba dikgwebo, mme ba kopa gore molao o lemoge tiro ya bone e le botlhokwa ka jaana ba itebagantse le go aga setshaba.
Makgotla ao a kopile gore molao motheo o sireletse seriti sa Kereke le gore di fiwe ditsha mo gare ga motse e seng kwa ntle jaaka go dirwa.
E re dikgang di eme jalo, mo bekeng eno, lekoko leo le tla leba kwa metseng ya Kanye, Ntlhantlhe, Lotlhakane botlhaba, le Seherelela mme e re ka Labotlhano le bo le rerisana le Barolong kwa kgotleng ya Goodhope. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MOSHUPA
Event : Phuthego ya tshekatsheko molao motheo
Date : 27 Feb 2022