Breaking News

Dibotelo o rotloetsa Batswana go bala Molao Motheo

24 Feb 2022

Moeteledipele wa lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go sekaseka molao motheo Moatlhodi mogolo was pele Maruping Dibotelo o rotloeditse Batswana go bala molao motheo gore ba kgone go akgela mo diphuthegong tse di tsweletseng tsa lekoko leo.

Erile a rola molaetsa wa lekoko  kwa kgotleng ya Moshupa ka Labone, Rre Dibotelo a kopa gore batho ba tsene mo metlobong ya dibuka lefatshe ka bophara ba bale molao motheo ba o tlhaloganye, mme ba ba sa kgoneng go bala ba kope ba bangwe ba ba balele. O ne a rotloetsa baeteledipele ba setŝhaba go itshwaraganya le metlobo ya dibuka mo mafelong a a farologanyeng go netefatsa gore molao motheo o goroga kwa Batswaneng.

Moatlhodi Dibotelo o tsweletse a tlhalosa gore ere ntswa maikaelelo e ne e le go utlwa megopolo ya Batswana gongwe le gongwe kwa ba leng teng, lenaneo le ne la fetoga ka jaana ba pitlagantswe ke nako. Le fa go ntse jalo, a re maikaelelo ke go tshwara diphuthego mo dikgaolong tsotlhe tsa botlhophi ele maiteko a go atumela bontsi jwa Batswana.

O ne a rotloetsa gore ba ba sa kgonang go isa megopolo ya bone kwa diphuthegong tsa dikgotla le tsa mekgatlho e e ikemetseng tse di tsenang mo tshokologong, ba gololesegile go kwalela lekoko gore  megopolo ya bone le yone e tle e tsenngwe mo pegong.

A re thomo ya bone e le lekoko ga se go bolelela Batswana sepe mme ke go utlwa megopolo ya bone ka molao motheo, bogolo jang gore ba akanya jang ka dinonofo le tlhaelo ya one, le gone go seka seka gore a molao motheo o dira go lekane go netefatsa ditshwanelo tsa Batswana le go tlotlomatsa tekatekanyo, le puso ya batho ka batho, gareng ga tse dingwe.

“Re romilwe go tsaya megopolo mo go lona ka matshwenyego mabapi le dipaakanyo tse di tlhokegang mo go baakanayeng molao motheo, e seng go lo bolelela kgotsa go le ruta ka molaomotheo,” a rialo.

A re e tlaare tiro eo ya go phutha megopolo e wela kgwedi ya Phukwi e le fa gare, lekoko le e kgobokanye mme le itse go e romele kwa go Tautona pele ga kgwedi ya Lwetse e ya fifing. Ka jalo, o ne a ba kopa gore ba gololesege ba ntshe megopolo le maikutlo a bone.

Mo go tse dingwe, Rre Dibotelo o rotloeditse Batswana go tswelela ba tsaya mokento wa tlaleletso wa thibelo ya bolwetsi jwa COVID-19.

Erile a a fa malebo kwa bokhutlong jwa phuthego eo, Kgosi Tom Koontle a leboga Tautona le lekoko le le eteletsweng pele ke Rre Dibotelo go bo ba neetse Batswana sebaka sa go nna le seabe mo tshekatshekong ya molao motheo, ele la ntlha mo ditsong tsa lefatshe leno.

O ne a akgola boeteledipele jwa motse go bo ba tlotlile tiro eo e bile ba e rulaganyeditse ka matsetseleko a a e tshwanetseng. O ne gape a leboga morafe otlhe ka dikgakololo le megopolo e ba e ntshitseng.

“Ke leboga botlhe ba ba nnileng le seabe ba ntsha megopolo ka gore dikakgelo tsa bone di re emetse re le morafe wa Moshupa.” BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : MOSHUPA

Event : Tshekatsheko ya molaomotheo

Date : 24 Feb 2022