Breaking News

Patlo ya mosimane e tsweletse kwa Tshimoyapula

24 Feb 2022

Banni bangwe ba Tshimoyapula kwa kgaolong ya Legare ba re ga ba robatswe ke go nyelela ga batho. 

Bangwe ba banni ba ne ba shakgetse bosheng morago ga go nyelela ga ngwana mongwe, yo ba dumelang fa rraagwe a ka tswa a itse sengwe ka go nyelela moo.

Rragwe mosimane yo o dingwaga tse di masome mabedi, Rre Nkanokisang Gabaratwe, o boletse fa e ne ya re morago ga gore morafe le mapodisi ba tlelwe ke boitlhobogo, a ya kwa ngakeng ya setso mme e boletse kwa ngwana a leng teng.

O boletse fa ngaka ya setso e kaile fa mosimane a le teng mo ntlong nngwe gone kwa Tshimoyapula.

Le fa go ntse jalo, Rre Gabaratwe o ne a tswa motlhanka wa mafoko a gagwe fa lekoko le le neng le eteletswe pele ke mokhanselara wa kgaolo, Rre Katlholo Tapologo le begela mapodisi ka kgang ya ngaka ya setso.

O ne jaanong a bolela fa mosimane a fitlhilwe kwa kgosing, selo se seneng sa shakgatsa morafe wa Tshimoyapula mo ba feletseng ba itseela molao mo diatleng ba betsa rragwe mosimane yo.

Ba ne ba mo goga goga mo motseng ba goeletsa gore a ntshe ngwana wa gagwe ka e le ene a itseng kwa a leng teng.

Morafe o ne wa felela o tshuba diofisi tsa kgotla.

Mo potsolosong, Kgosi Lenkagetse Keipheditse wa Tshimoyapula o boletse fa e rile bosigonyana morafe wa thuba wa bo ba tshuba ofisi ya kgotla le leobo mme ba baka ditshenyegelo tsedi kwa godimo.

Mokhanselara ene o boletse fa a makaditswe ke Rre Gabaratwe ka go fetogela mafoko a gagwe a dira gore morafe o mo lebe ka matlho a mahibidu.

O boletse fa go ne gontse go batlwa ngwana wa gagwe mo malatsing a le lesome le bobedi mme monnamogolo a sa bue sepe.

O boletse fa mapodisi ba ne ba ka seke ba dirise sefofane sa tlhootomo ka gore ba begetswe morago ga nako.

Fa motho a timela, mo letsatsing la bobedi go dirisiwa sone go batla motimedi, a tlhalosa jalo.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : TSHIMOYAPULA

Event : Patlo ya mosimane

Date : 24 Feb 2022