Breaking News

Bomme ba kgothadiwa go dira ka natla

22 Feb 2022

Mothusa molaodi wa Kanye, Rre Norman Patlakwe o kgothaditse bomme go tsaya dikgwebo ka tlhoafalo, le go dira ka thata go nonotsha itsholelo ya lefatshe.

Rre Patlakwe o buile jaana fa a bula semmuso thuto-puisanyo ya bomme ba ba thusitsweng ke lephata la bong ka madi go bula dikgwebo.

A re Botswana jaaka mafatshe a mangwe, o lemogile botlhokwa jwa ga mme mo go tlhabololeng itsholelo.

O kopile bomme ba bagwebi go dirisa sebaka seo ka maitlhomo a go tsweledisa go tlhabolola matshelo a bone, le go thusa puso go tlhama mebereko

“E rile go lemoga botlhokwa jwa ga mme, puso e ne ya itlama go tlhama mananeo a a tlaa netefatsang gore mme ga a salele kwa morago mo tlhabologong le go tsaya karolo mo tsamaisong ya lefatshe,” Rre Patlakwe a supa.

A re a mangwe mananeo a akaretsa la Nyeletso Lehuma le le nonotshang itsholelo ya bomme.

“Maneneo a mabedi a, a thusitse bomme gore ba ikemele, ka go ba neela letseno le ka lone ba dirileng dikgwebo-potlana, tsa thuo ya dihutsane, ditante le tse dingwe,”  Rre Patlakwe a tlhalosa.

A re bangwe ba dira sentle fa ba bangwe ba phutlhame ntateng ya mabaka a a farologanyeng.

O supile fa mangwe a mabaka a a amileng dikgwebo potlana segolo bogolo e nnile go tlhagoga ga COVID-19 ka 2019.

“Bagaetsho, lefatshe ka bophara le amilwe ke sagajaja se.

Lefatshe la Botswana le amegile, le latlhegetswe ke batho ka dipalopalo mme le fa go ntse jalo a re tshwareng ka thata go tshegetsa dikgwebo tsa rona,” Rre Patlakwe a kopa.

Rre Patlakwe o supile fa Tautona a dirile maitlamo a go tsosolosa itsholelo go itepatepanya le manokonoko a COVID-19, a tlatsa ka go re maitlamo a, ke a  tlaleletso ya Tebelopele ya 2036 le lenaneo la ditlhabololo la bolesome le bongwe

A re se ke ka ntlha ya gore Botswana o itlamile go tsosolosa Motswana mongwe le mongwe go inoga mo manokonokong a COVID-19.

Re le bogogi jwa ofisi ya ga molaodi mo Kanye, le ba ofisi ya bong re lo phuthile fano go go lo tlhatlhelela dikitso ka tsamaiso ya kgwebo gore le kgone go itsetsepela mo pakeng eno ya COVID-19 le go ya pele.

Rre Patlakwe a re kgaolo ya borwa e na le maikaelelo a go tsosolosa dikgwebo-potlana tsa bomme, e le go sala maitlamo a ga Tautona morago.

 Mogolwane wa Lephata la Bong kwa Kanye, Mme Naledi Modise o supile fa maikaelelo a bokopano e le gore bomme ba rutane ka botlhokwa jwa tirisano mmogo  e le beng ba dikgwebo, le gore ba dirisanya jang le batsaya karolo ba ba dirisang ditirelo tsa bone.

“Maikaelelo a rona ke go rutana ka tsa kgwebo, le go bona gore re ka tokafatsa tirisano mmogo ya rona jang rele bagwebi ba bomme,” Mme Mosdise a supa.

O kopile baithuti go dirisa sebaka seo go nonotsha kamano ya bone e le bagwebi le go tsaya maele gore ba kgone go tokafatsa dikgwebo. ENDs

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : KANYE

Event : Thuto-puisanyo ya bomme ba ba thusitsweng

Date : 22 Feb 2022