Breaking News

Bogodu jwa leruo bo tsere phekelo e sele

22 Feb 2022

Kgosi Martin Puleng wa Dutlwe o lela ka mohuta o o lebegang o le mosha wa go utswa dikgomo o a reng o atile mo tikologong ya motse wa gagwe.

E rile a buisanya le BOPA mo potsolotsong bosheng, Kgosi Martin Puleng a bolela fa banana ba itlwaeditse mokgwa o o maswe wa go utswang dikgomo mo kgaolong ya Kweneng Bophirima mme ba di tlodisetse ka kwa ga Ngwaketse kwa di fetang di ba tsalela marole teng.

A re le dikgomo tsa ga Ngwaketse di thibelwa kwa Mokwena, di fete di tsale, mme magodu a itshwaele marole.

Kgosi a re o kgona go fitlhela masaka mo sekgweng mme go sena motlhala wa gore ke a bo mang, go bo go belaetsa fa e le a magodu.

M go tse dingwe, Kgosi Puleng o kgalemetse a sa oshaoshe banni ba Dutlwe ba ba sa obameleng melawana ya ba botsogo kgatlhanong le COVID-19 a re ba tsenya morafe mo diphatseng. 

O kopile Morafe wa motse oo go tswelela o itshireletsa mo mogareng wa corona ka jaana o le borai.

Kgosi Puleng a re COVID-19 e matswakabele e bile e anama ka bonako mme seo se raya gore Batswana botlhe ba tsee boikarabelo jwa go lwantsha mogare oo.

A re o lemogile gore bangwe ga ba rwale dipipa melomo, go tlhapa mabogo ka molora le gone go itshasa dibolaa mogare.

O ne a kopa batsadi go tlhokomela bana ka bontsi jwa bone ba gobeya mo motseng ba sa rwala dipipa melomo, selo se se borai  mo botsogong jwa bone.

Kgosi Puleng a re bosheng jaana mogare o ntse o tlhasetse bana le barutabana kwa sekoleng se sebotlana sa Dutlwe mme seo se ama dithuto le pereko ya bone.

Mo go tse dingwe, kgosi o ne a supa fa ba na le letlhoko le baoki mme a kopa gore ba okediwe.

A re baoki ba babedi mo kokelong, mme fa ba seyo e nna seemo se se ngomolang pelo ka go sena yo o ba thusang.

Kgosi Puleng a re sebe sa phiri ke gore fa yo mongwe a ka tsaya malatsi go ikhutsa morafe o sala o kaalaletswe. A re go na le bothata jwa koloi ya kokelo mme dipalamo go ya Takatokwane kana Molepolole le tsone di sokodisa.

Mo go e nngwe a re badirelapuso ba motse oo ba sokola ka boroko mme bangwe ba bone ba nna mo matlong a a senang motlakase, seemo se a reng se ba ketefaletsa botshelo, bogolo jang ka go tshelelwa mo dinakong tsa maranyane.

A re letlhoko la koloi kwa kgotleng le kwa mapodising le a tshwenya ka jaana ba sa kgone go dira ditiro tsa bone ka nako le go thusa Batswana ka bofefo.

Kgosi Puleng a re mapodisi a sale a fiwa setsha sa ofisi, nako kgolo ke eno mme o kopa gore puso e potlakele go ba thusa ka jaana ba sena diofisi tsa bodiredi.

O supile lesokolela la gore banana ba inaakantse le nno-tagi mme seo se ba diela go baakanetsa bokamoso.

Kgosi Puleng a re bangwe ba goga motokwane mme ga go itsewe kwa ba o tsayang teng.

O ne a wetsa ka go re ba sale ba emetse kago ya diofisi tsa kgotla e e saleng e tsenngwa mo ditogaamanong tsa botlhano.

Ka jalo o kopa puso go rurifatsa go ba agela kgotla ofisi jaaka go setse go dirilwe mo metseng e mengwe. ENDs

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : DUTLWE

Event : Potsolotso

Date : 22 Feb 2022