Seemo sa matlwana a boitiketso a Mphuthe ga se jese diwelang
21 Feb 2022
Morafe wa Letlhakeng ga o je diwelang ka seemo sa matlwana a boitiketso a sekole se segolwane sa Mphuthe.
Mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Kebafilwe Miselesele a re le fa matlwana ao e le a a dirisang metsi, mo nakong eno ga a na metsi.
Mme Miselesele a re se se ngomolang pelo ke gore go na le baithuti ba ba nnang mo sekoleng, ka jalo ba patelesega go a dirisa kgapatsakgapetsa.
O ntshitse boikuelo jo, mo puthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng, Rre Meshack Tshenyego.
O kopile ba lephata la thuto go tsibogela seemo seo ka potlako.
O supile gore letlhoko la metsi mo bonnong jwa bana le ba baya mo diphatseng, ka go se motlhofo go phepafatsa fa go sena metsi.
E rile a tsibogela kgang, mogolwane wa lephata la thuto, Rre Mokwadi Tese a supa fa ba itse ka seemo seo, mme ba setse ba se tsibogetse.
Rre Tese a re ba lephata la dikago ba tshwanetse go etela sekole seo go tla go baakanya moalo wa metsi gore a tsamae ka tshwanelo.
A re go lebega go nnile le bothata jwa moalo wa diphaephe tse di tsamaisang metsi ka nako ya fa kago eo e agwa, ka jalo metsi a sa kgone go tsamaya jaaka go ne go solofetswe. ENDs
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 21 Feb 2022