Breaking News

Ipelegeng e thusa banni ba Ngware go itshetsa

21 Feb 2022

Lenaneo la Ipelegeng le pele le neng le tlwaelesegile ka leina la namola leuba, le tsweletse ka go thusa Batswana go itshetsa.

Ke ka moo puso e tsweletseng ka go fa dikhansele madi go tsamaisa lenaneo le, gore di tswelele ka go thapa batho go dira ditiro ka go farologana mo metseng e e ikadileng le lefatshe leno.

Kwa Ngware kwa kgaolong- potlana ya Letlhakeng, lenaneo la Ipelegeng le tsweletse sentle.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Mabitso Gabotshwanelwe o tlhaloseditse BOPA fa lenaneo le thapile batho ba le masome a supa le boferabobedi.

A re le fa ba eletsa gore dipalo di okediwe ka bontsi bo sa bereke, ba lebogela gore bangwe ba a bereka le fa ba tshwanetse go fapaanela pereko.

O supile fa manaeo a bone a Ipelegeng a tsweletse sentle le fa ditiro tse dingwe jaaka go tlhagola di sena tema ntateng ya pula e e ntseng e na kgapekgapetsa.

Mme Gabotshwanelwe a re ba agelela masimo a Magotshane, sebe sa phiri ke gore go na le bangwe ba ba kgaolang terata, seo e bo e nna poelo morago.

A re ba leboga khansele-potlana ya Letlhakeng go thusa batlhoki ka go ba agela matlo a le mararo ka bonno bo le botlhokwa.

Le fa go ntse jalo, modulasetilo a re ba tshwentswe ke dikotsi tse di diragalang mo tseleng ya Ngware-Diphuduhudu, a tlhalosa fa go nnile le dikotsi di ka supa ngogola mo tseleng eo mme mabaka e le tlhaga le ditlhare tse di setseng di godile mme go bo go nna thata go bona yo mongwe fa a tswa kwa pele.

Mme Gabotshwanelwe o supile fa ba ne ba ikgolaganya le lephata la ditsela mme ba supa fa ba santse ba sena madi a go baakanya tsela eo. ENDs

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : NGWARE

Event : Komiti ya ditlhabololo tsa motse

Date : 21 Feb 2022