Khansele e amogela lenaneo
21 Feb 2022
Khansele ya Kweneng e dumalane ka ditiro tsa ditlhabololo tse di akanyeditsweng go tsenngwa mo lenaneong le lesha la dithabololo.
Modulasetilo wa khansele- potlana ya Letlhakeng, Rre Meshack Tshenyego o lekodisitse morafe wa Letlhakeng bosheng gore ditiro tsa ditlhabololo tse ba di tlhomileng kwa pele di akaretsa tsela ya Letlhakeng-Khutse, kokelo e kgolwane mo Letlhakeng, matlo a badirelapuso a le 400, diofisi tsa ditsheko kwa Takatokwane le mealo ya go laola metsi a pula.
Rre Tshenyego a re fa puso e ka ba reetsa, mme ya dumalana le tse ba di kopileng, selelo sa banni ba Kweneng mabapi le tlhaelo ya ditlhabolo se ka kgaotsa.
O tsweletse a gakolola morafe go ipaakanyetsa go tsaya karolo mo morerong o o tsweletseng wa go buisana le morafe go sekaseka molao-motheo wa Botswana.
Rre Tshenyego a re go botlhokwa gore ba ithulaganye ba kgone go tsaa karolo ba supa ka fa ba eletsang molao-motheo o ka fetolwang teng.
Sengwe sa dilo tse di tshwentseng Rre Tshenyego ke gore bangwe ba boitseme go duela madi a ba a adimilweng ka lenaneo la SHHA go ikagela matlo.
A re selo se ke poeolo morago ka jaanong puso e tlhaelelwa ke madi go thusa ba bangwe ba ba eletsang go ikagela ka lenaneo le.
O tlhalositse gore mo nakong eno ba ba adimilweng madi ka lenaneo la SHHA go aga matlo mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, ba kolota madi a ka tshwarang.
Ka jalo, Rre Tshenyego o kopile ba ba kolotang go duela.
A re sekoloto se se sa duelweng se tswelela se oketsega ka se nna le morokotso.
Go tlhoka go duela metsi le gone go tshwentse Rre Tshenyego.
A re seemo seo se pateletsa Water Utilities Corporation (WUC) go kgaola metsi mme seemo se sokodise bangwe go bona metsi a a nowang le go dira ditiro ka go farologana.
A re go duela metsi ka nako go mosola ka gore go fa Water Utilities Corporation sebaka sa go dira dithulaganyo tsa go atolosa metsi gore ditsha tse disha di kgone go bona ditlamelo mme go tlhoka go duela go ama ditogamaano.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Tumelo Puleng o ne a supa fa khansele e kile ya tla ka molao wa go ntsha leruo mo motseng.
Kgosi Puleng a re seemo sa leruo mo motseng se tsere phekelo e sele ka leruo le tletse gongwe le gongwe.
O kopile khansele go thusa go ntsha leruo mo motseng ka jaana le senya.
Fa a ntsha la gagwe, mothusa mokwaledi wa khansele-potlana ya Letlhakeng, Rre Tumelo Seboko o ne a re molao wa go ntsha leruo mo motseng o tlhoka go sekasekwa ka o ne o sa tlhalose dilo dingwe sentle bogolo jang dikatlholo tsa madi.
Ka jalo, Rre Seboko a re molao oo, o santse o sekasekwa ke mmueledi wa khansele go thusa go o baakanya. ENDs
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : LETLHAKENG
Event : Khansele ya Kweneng
Date : 21 Feb 2022