Kereke e tshwanetse go aga setshaba
20 Feb 2022
Kereke ke nngwe ya mekgatlho e e ka thusang go aga setshaba se se eletsegang le go fetola matshelo a batho.
Se se builwe ke Reverend Bishop Morategi Selapa wa kereke ya Pentecostal Holiness Church kwa Thabala bosheng, fa a abela mongwe wa barekisi ba bojalwa dikoko tsa go itshimololela kgwebo.
Moruti Selapa, yo e leng moeteledipele wa Boela Gae Marriage seminars, a re maikaelelo a go ya Thabala e ne e le go fetola matshelo a batho ka go ba kgothatsa ka lefoko la Modimo.
A re ba bone go tshwanela gore ba simolole ka go thusa batho go itirela itshetso ka tsela e e lolameng.
A re thekiso ya bojalwa mo malwapeng e baka ditlamorago tse di sa siamang jaaka go oka batho ba maitsholo a a sa siamang ebile go ka ama le bana ba ba nnang foo.
A re ke sone se ba boneng gore ba thuse barekisi ba bojalwa ka dikgwebo tse di botoka jaaka ya dikoko le ya go lema merogo.
A re ba ne ba ikopanya le barekisi ba bojalwa ba le bararo kwa Thabala mme ba buisana le bone ka go fetola dikgwebo tsa bone, a re a le mongwe ke ene fela a neng a amogela thuso ya bone.
Rre Selapa a re ba ile ba dumalana le mme yo gore o tlaa simolola kgwebo ya dikoko mme ba ne ba mo rekela nama ya dikoko tsa sekgoa, mateng a tsone, dikoko tsa Setswana di le supa ga mmogo le didirisiwa tsa hoko tse di lopileng P700.
O tsweletse a tlhalosa gore keletso ya kereke ke go netefatsa gore bana ba sekole ba itse lefoko la Modimo, a re se, se ka ba tswela mosola mo tirong ya sekole ga mmogo le go bopa maitsholo a bone gore e nne a a eletsegang.
A re Thabala ke motse wa ntlha go nna le sebaka se, mme ba ikaelela go anamisa se le metse e mengwe.
Mo lefokong la kgothatso, moruti wa kereke ya Sons Of God International Ministries Rre Oshea Ntesetsang, a re setshaba se tlhoka ketlelelo pele ya Modimo.
A re tlhabologo ya motho e tshwanetse ya simolola ka setho le pelo ya gagwe pele, ka mo go tlaa netefatsa gore o nna le boikarabelo le botho tse di eletsegang.
Moruti Ntesetsang o akgotse Reverend Selapa le kereke ya gagwe ka maiteko a bone a go fetola matshelo a batho mme a re ba seka ba nyatsa tshimologo ya se ba se dirang ka ke jaaka ba jwala peo e e tla ungwang tse dikgolo mo isagong.
“Gakologelwang gore go sego letsogo le le abang go na le le amogelang, ka jalo solofelang gore Modimo o tlaa oketsa se le nnang le sone gore le tle le dire se segolo go feta se.
Sengwe le sengwe se simolola se le sennye mme se le se dirang se tlaa gola go anama le lefatshe ka bophara go fetola matshelo a Batswana,” ga bua Rre Ntesetsang.
Fa a amogela mpho, Mme Reginah Joconia yo a ntseng a itshetsa ka go rekisa bojalwa, o supile fa se e le mpho e e tswang kwa Modimong.
A re o e amogetse ka lerato e bile a na le tsholofelo ya gore e tlaa mo tlisetsa tse di ntle mo lwapeng la gagwe.
A re letlhoko le tshokolo, e a neng a le mo go yone morago ga gore lefatshe le welwe ke seru sa COVID-19 di ne tsa mo pateletsa go rekisa bojalwa.
A re pele o ne a itshetsa ka thuo ya dikoko le semausu mme erile bolwetse bo simologa a itemogela kwelo tlase ya letseno.
O tlhalositse fa a ne a sa batle kgwebo ya go rekisa bojalwa ka a goletse mo lelwapeng le le boifang Modimo, mme ka mathata a botshelo a ne a mo imela, o ne a patelesega go rekisa bojalwa.
A re fela se se ile sa mo kgoreletsa mo tumelong ya gagwe ka a ne a sa tlhole a kgona go ya kerekeng.
Mme Joconia o tsweletse a re ke tshegofatso go bo moruti a ile a tlhopha lelwapa la gagwe go nna lengwe le a tlaa le thusang mme ebile a itumela gore o tlaa boela kwa kgwebong ya gagwe ya pele a bo a tsweledisa loetlo la gagwe la bokeresete. ENDs
Source : BOPA
Author : Tefo Rantaung
Location : THABALA
Event : Kabo ya dimpoho
Date : 20 Feb 2022