Breaking News

Komiti e itlama go gasa molaetsa

20 Feb 2022

Komiti ya kanamiso mafoko ya palo batho ya kgaolo ya Bokone Botlhaba e itlamile go gasa molaetsa tebang le thulaganyo ya palo batho.

 E re ka jaana go setse dibekenyana di se kae gore thulaganyo eo e simololwe, komiti e e bopilweng ka maloko a le supa, e sa tswa go ikgaoganya ka ditlhopha tse pedi, tse di tla tsenang metse le metsana ya kgaolo eo go tsibosa banni go ipaakanyetsa palo batho.

 Palo batho e tlaa tshegediwa go simolola kgwedi ya Mopitlo e le lesome le boferabongwe go fitlha e le masome a mararo le motso.

 Komiti eo, e tlaa diragatsa boikarabelo jwa yone go simolola kgwedi eno e le masome mabedi le boferabobedi.

 E ne ya re bosheng mo bokopanong jwa gagwe le komiti eo, moanamisa mafoko a Statistics Botswana, Rre Temba Sibanda o ne a supa botlhokwa jwa gore komiti e dire gotlhe mo e ka go kgonang go anamisa molaetsa wa palo batho. ENDs

Source : BOPA

Author : Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Paakanyetso palo batho.

Date : 20 Feb 2022