Lebutswapele le a kgalema
20 Feb 2022
E re letsholo le le romilwelng go sekaseka molao motheo le tsweletse sentle,bangwe ba mabutswapele a lefatshe leno ba gakolotse setshaba gore se seka sa lebala botlhokwa jwa molao motheo.
Mongwe wa mabutswapele kwa Molepolole Mme Setlhoko Sechele a re Batswana ba tshwanetse ba tlhaloganya gore molao motheo o thaegile jang e bile o diretse lefatshe leno eng. O boletse jalo fa a ntsha maikutlo a gagwe jaaka letsholo leo le ne le kopane le makgotla a a ikemetseng le baemanosi kwa Molepolole ka Labotlhano, go utlwa gore bone ba re molao motheo o ka tlhabololwa jang.
A re e re ba itumelela tiro ya go sekaseka molao motheo, go botlhokwa thata gore Batswana ba lese go dira tiro eo ka bosepolotiki le go kopa ditsamaiso tsa mafatshe a mangwe tse a reng dingwe tsa tsone ga se tse di agang tshaba.
Mme Sechele a re Batswana ba tshwanetse ba itse gore se ba se dirang gompieno ba baakanyetsa kokomane e e tlang ka jalo ba tshwanetse ba bopa molao motheo o o tla isang lefatshe leno golo gongwe. O gakolotse gore le fa ba ntsha maikutlo a bone ba seka ba itebatsa ngwao ya bone e e ba dirileng se ba leng sone.
A re ba ngomolwa pelo ke ditiragalo tsa gompieno ka jaana di sa supe pharologanyo fa gare ga mogolo le monnye a re ga gona tlotlo e e neng e rena mo malobeng.
O gakolotse setshaba go itsaya motlhala le gone go baakanya fa go senyegileng teng go sirelatsa lefatshe leno.
A re molao motheo fa o dirwa o seka wa leba ba dipitse fela mme o lebe le ba dinaonyana. Fa a tswa la gagwe, Rre Dikabelo Kentshitswe ene o ne a kopa gore molao motheo o lemoge dikgosi kgolo o bo o ba fe dithata tse di lekanang le tsa ga mothusa tautona.
A re go botlhokwa gore dikgosi kgolo di nne mo seemong se se tshwanang le sa mothusa tautona ka jaana e le bone ba ba nnileng le seabe se setona mo go ageng lefatshe leno, a tlatsa ka gore o dumela gore le bone ba lalediwe maeto a a kwa ntle ga lefatshe fela jaaka tautona le mothusi wa gagwe.
Rre Saki Gabanamotse o ne a supa tlhobaelo ka lobaka lo lo tsewang mo dikgetsing tsa polao ya motho mme a kopa gore molao motheo o papamale fela gore batho ba ba dirileng molato wa polao e bile go na le bosupi ba atlholwe mo kgweding.
O kopile gape gore molao wa bana o sekasekiwe go bona gore a mme o fa bana dithata tsa go gola ba na le boikarabelo mo setshabeng.
A re tsetlana e e reng ngwana ga a kake a sekisiwa ga e mo jese diwelang bogolo jang fa ngwana yoo a bolaile motho.
Moruti Bakang Tlwaelang go tswa kwa BOCAIP ene o ne a re molao motheo o tshwanetse wa letla gore go nne le baruti mo maphateng fela jaaka kwa sepodiseng le sesole gore ba kgone go emelana le dikgwetlho tse di diragalang le gone go sidila babereki maikutlo.
A re ba ikemeseditse go ntsha baruti ba ba nonofetseng tiro eo a re seo gape se tla thusa gore lentswe la kereke le utlwale thata.
Rre Wadza Omphile ene a re o dumela gore bontsi jwa dikgang tse di mo molao motheong di dirwe ka patlo maikutlo go utlwa gore a Batswana ba dumalana le tsone. E ne ya re a ntsha mafoko a tebogo, mothusa moeteledipele wa lekoko, Rre Johnson Motshwarakgole a supa fa Tautona a romile lekoko la motia le le bopilweng ka maloko a dithutego tse di kwa godimo.
A re o na le tumelo ya gore batla a dira tiro ka matsetseleko mme a lebogela bao ba ba nnileng le sebaka go latlhela la mmotlana a re mafoko a kgotla a mantle otlhe.
O ne a gwetlha Batswana go ralala lefatshe leno go atla pitso ya lekoko le gone go dira se ba se lopiwang ka jaana ba dira tiro e ntle go nonotsha molao motheo wa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MOLEPOLOLE
Event : Tshekatsheko ya molaomotheo
Date : 20 Feb 2022