Banyalani ba rotloediwa go tshegetsa lorato
20 Feb 2022
Banyalani ba gakolotswe go tshegetsa serodumo sa lorato lo ba neng ba lo neelana pele ba nyalana.
Mogakolodi wa manyalo le botshelo ka kakaretso, Mme Ntombi Setshwaelo o ntshitse kgakololo e ka mafelo a beke fa banyalani go tswa kwa mafelong a a farologaneng ba neng ba kopane go ipelela letsatsi la mafatshefatshe la lonyalo.
Letsatsi le, le ne le rulagantswe ke lekalana la dikgaisano tsa mmabontle wa MRS Botswana.
Mme Setshwaelo a re bangwe fa ba santse ba ratana, ba ise ba tsene mo nyalong, lorato lo ba lo neelanang lo a kgatlhisa ebile go supa fa ba na le maikaelelo ka botsalano jwa bone mme e re morago ga lonyalo, serodumo se swe ka iketlo.
A re se, se dire gore banyalani ba itlhokomolose dikeletso le maikutlo a ba ba nyalaneng nabo, mme ba felele ba tshela ka kutlobotlhoko, ba sa tlhole ba akola lonyalo lo lorato lwa bone.
Mme Setshwaelo o gakolotse banyalani go nna le maano a ba tlaa tsweledisang ba a tshegetsa, go tiisa kutlwano le kagiso e ba neng ba tshela ka yone pele ga lonyalo, gore ba tswelele ba natefelelwa ke lonyalo la bone.
A re dikgwetlho tse di tlhagogang mo nyalong, di tlhoka morero o o tlhamaletseng le gore banyalani ba emane nokeng gape ba ikobelane, ba tlhophe mafoko fa ba na le diphaphang ebile ba seka ba balelana diphoso tse ba di dirileng mo nakong e e fetileng.
O gateletse botlhokwa jwa gore banyalani ba inaakanye le go kopa thuso mo go ba ba maleba fa ba raletse dikgwetlho ka go farologana mo lonyalong.
Mme Setshwaelo a re go tlhoka go kopa thuso nako e sa le teng, go felela go dira gore bangwe e nne batswa setlhabelo mo dikgangnyeng tsa kgokgontsho ya bong fa bangwe ba felela ba tlhalana mme dipharolgano tsa bone e le sengwe se ba neng ba ka kopa thuso ba agisanngwa gape.
Mogolwane wa lekalana la MRS Botswana, Mme Kgalalelo Lesetedi a re maikaelelo a letsatsi ke go fa banyalani tlotla, go itumelela lonyalo le go rotloetsa tshwaragano e e ka tswelelang e aga manyalo.
Mogolwane wa khamphani ya Moedi Learning Technologies, Rre Nelson Letshweyo yo gape e leng mogakolodi ka tsa madi ebile e le mokwadi wa dibuka, o gakolotse ka botlhokwa jwa go dirisa madi ka tsela e e siameng.
A re go tlhoka go dirisa madi sentle mo lonyalong, go na le seabe mo go tlhotlheletseng dikgotlhang tse banyalani bangwe ba iphilthlelang ba le fa gare ga tsone. A re banyalani ba tshwanetse go itse dikoloto, ba dumalane gore ba di duela jang, a re fa ba dira sekoloto, madi a kadimo ba tshwanelwa ke go dira sengwe se se tlaa ba sologelang molemo mo isagong.
Rre Letshenyo a re go botlhokwa gore batho ba itse botshelo jo ba batlang go botshela ka bangwe ba felela ba tshela botshelo jo bo sa nyalaneng le ditsompelo tsa bone mme ba nne le bothata jwa go tlhoka madi gangwe le gape. ENDs
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : GABORONE
Event : Ipelelo letsatsi la mafatshefatshe la lonyalo.
Date : 20 Feb 2022