Breaking News

Moshaga o rotloetsa tshwaragano

17 Feb 2022

Mogolwane wa Global Transformation & Nertworks, Rre Taolo Moshaga o gwetlhile magosi a Kang go tshwaraganela tiro ya go bopa le go tsamaisa ditlhabololo tsa motse.

O buile seo, bosheng jaaka a ne a rutuntsha magosi ka botlhokwa jwa go nna le tshwaragano e e tiileng e le baeteledipele ba morafe. Rre Moshaga a re go tswa go lowe magosi ba ne ba di goga kwa pele mo go ageng ditlhabololo tsa lefatshe.

A re ba kgonne go fitlhelela dikeletso tsa go aga Botswana yo o pahatsimang fela ka tshwaragano e e nonofileng magareng ga bone. Ka jalo, o ne a tlhalosa fa seabe sa bone se tshwanetse go lemogiwa ka dinako tsotlhe ka jaana ba gogile lefatshe leno, mo dinakong tse go neng go le thata.

A re ka seo, magosi a nako eno, ba tshwanetse go itse fa ba lebanwe ke tiro ya go tsweledisa serodumo sa mabutswapele.

A re magosi ba mo tshiamelong ya ditlamelo ka jalo, a ba gwetlha go tsenya marapo mo dinameng go tlisa ditlhabololo tsa boleng jo bo rileng mo merafeng ya bone.

Rre Moshaga a re ba ka kgona seo fa ba ka tshwaraganela tiro le ba-na-le seabe botlhe mo tikologong ya bone.

O ne gape a gatelela gore tshwaragano eo, e tla thusa go lwantsha le tse di ba tlhokisang boroko mo motseng di tshwana le botlhoka tsebe jwa banana, malwapa a a sa itekanelang le maduo a a sa nametseng a baithuti.

Mo go tse dingwe o ne a rotloetsa magosi go nna sekao mo setshabeng le gore ba dirise maemo a bone ka fa tshwanelong. Mo mafokong a gagwe, Kgosi Basadi Seipone o ne a iteela legofi ithuthuntsho eo, a re e tla nna seikokotlelo sa bone mo tirong ya bone ya letsatsi le letsatsi.

A re ka dithuto tseo, ba tla tokafatsa ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng mme ba ise ditirelo tsa boleng jo bo eletsegang kwa setshabeng.

Mo go tse dingwe, o ne a gatelela ntlha ya gore baeteledipele ba metse ba seka ba nna makgamu mo tirong ya bone a re seo, se ka tsala mowa wa go kgaoganya morafe.

Rre Moshaga o ne a abela ba lelwapa la ga Moswi Kgosi Church Seipone seetsele.

Moswi Kgosi Seipone o tlhokafetse ka ngwaga wa 2010 morago ga go busa sebaka sa dingwaga tse di masome a mararo le boferabobedi.

A re seetsele seo, ke go lemoga go busa le go dira ka bonatla mo dinakong tse di thata ga ga Moswi Kgosi Seipone. Fa a amogela sejana seo, Mohumagadi Keorapetse Seipone o ne a lebogela tlotla eo, are e tlotlomatsa monna wa gagwe mo sehularong sa gagwe, mme e bile e tla nna segopotso mo go yo o mo tlhatlhameng go tsweledisa ka bonokopila, fa Moswi Kgosi Seipone a tlogetseng teng.

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Kang

Event : Kabo seetsele

Date : 17 Feb 2022