Breaking News

Mapodisi a tshegeditse babelaelwa mabapi le bogodu jwa dikgomo

17 Feb 2022

Banna ba le babedi ba thusa Mapodise a Tshane mo ditlhotlhomisong morago ga go fitlhelwa ka dikgomo tse go belaelwang e le tsa bogodu.

 Mo potsolotsong, mookamela a mapodise a Tshane, Superintendent Vusimuzi Jorowe, a re babelaelwa ba, ba dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa go ya kwa go masome  a mararo le bobedi ba tshwerwe kwa masimong a Mokgadi ka dikgongwana di le supa.

Supt Jorowe a re ba ne ba kgona go tshwara banna bao, morago ga go longwa tsebe ka dikgongwana tse di fitlhetsweng di tlhatlhetswe mo tshimong nngwe di kgaogantswe le bommaatsone.

Supt Jorowe a re  ka lesego ba sepodisi ba ne ba fitlhela dikgonwana tseo, mme ka maswabi ga  di na matshwao  a ditsebe le fa  e le tshipi.

A re seo, se dira tiro ya batlhotlhomisi thata ka jaana go se bonolo go ka di batlisa beng ba tsone ka bofefo.

A re le fa go ntse jalo, dikgomo tseo, di tshegeditswe ke ba sepodisi ka jaana ditlhotlhomiso di santse di tsweleletse.

O tlhalositse gore ba ne ba dira maiteko a go di batlisa beng ba tsone ka go di isa kwa makgotleng a Setswana a Hukuntsi le Lokgwabe go bonwa ke morafe.

 Rre Jorowe o ne a kopa barui go itshwaraganya le ba ofisi ya sepodise ya Tshane fa ba na le dipelaelo tsa gore dikgongwana tseo e ka tswa e le tsa bone.

Supt Jorowe o ne a gwetlha barui go disa le gone go netefatsa gore ba tshwaya dikgomo tsa bone ka go ka ba thusa go di latedisa motlhofo.

A re e le ba sepodise ba itemogetse gore magodu a bone mmaraka wa dikgongwana ka jalo, ba tshedisetsa barui mo kgobedung.

O ne a gwetlha bareki go nna malala a laotswe gore ga ba reke dikgomo tse di ka tswang di belaetsa. Supt Jorowe o ne a  a kopa setshaba go tshwaraganela  kgang ya go lwantsha bogodu jwa dikgomo le ba sepodise. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Hukuntsi

Event : Potsolotso

Date : 17 Feb 2022