Breaking News

Akaretsang ba-na-le bogole

16 Feb 2022

Batlhoka puo ba ikuetse mo lekokong le le tlhomilweng ke Tautona go tsaya megopolo mo sechabeng ka tshekatsheko molao-motheo gore ba akarediwe mo molao-motheong o mosha.

Mme Angelinah Kabaenaa o boleletse ha le ne le etetse Bakgatla kwa ga Thamaga gore go soboka ba-na-le bogole mo mererong ya molao motheo go ba baya kafa mosing ka jaana bogole le botlhoki ja bone di farologane. A re ba eletsa puso e ka dira gore puo ya bone, ye tiriso diatla, e e sa itseweng ke batho ka bontsi e rutiwe mo dikoleng gore batho ba kgone go buisana le bone.

Mme Kabaenaa a re puso e tshwanetse ya ela tlhoko gore puisano le kaedi yotlhe ya puso e dirwa ba akanntswe. Mme Kabaenaa puso e tshwanetse ya rurifatsa gore ba boipelego ba tlhaloganya puo ya bone gore fa ba dira ditshakatsheko ka botlhoki ja bone ba lemoge gore gase botlhe ba ba rutegileng.

Fa a latlhela la gagwe, Mme Keoleboge Khumoetsile a re molao motheo o tshwanetse go akaretsa tsotlhe tse di itebagantseng le go atlhola go utlwala borre botlhe ba eleng gore ba tshodisa ba-na-le bogole bana ba bo ba tsena ka lenga la seloko.

Mme Khumoetsile a re go tshwanetse ga nna le dikotlhao tse di tsepameng mo go ope yo dirang molato kgatlhanong le mona-le-bogole.

O supile fago le botlhokwa go itse dipharologanyo tsa ba-na-le bogole le go tsepamisa ditshwanelo tsa bone.

O tsweletse a kopa gore puo ya diatla e rutwe batho botlhe mme e bile e akarediwe mo molao motheong wa lafatshe.

A re gore e re go na le tsheko e e amang mo-tlhoka-puo go bo go ntse go twe go batliwa motolokolodi go dia ditsheko mme kana yo o utlwisitsweng botlhoko le ene o na le ditshwanelo jaaka mongwe le mongwe.

Mme Khumoetsile o tsweletse ka go ikuela gore ba-na-le bogole ba abelwe lefatshe, a tlhalosa fa bontsi jwa nako ba sa itse sepe ka merero ya tsa kabo lefatshe. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Marvin Motlhabane

Location : THAMAGA

Event : Commission Review

Date : 16 Feb 2022