Kereke e abela batlhoki
16 Feb 2022
Ba kereke ya Apostolic of Muchinjikwa mo Maun ba abetse batlhoki, ba-na-le bogole le bagodi dikobo.
Mogolwane wa kereke e ko kgotleng ya Disana, ko Maun, Rre Mokgethisi Ponyane a tlhalosa fa go abela ba ba tlhokang e le nngwe ya dipinagare tsa sekeresete. O buile fa tumelo ko ntle ga ditiro e le lefela, ka jalo a kgothatsa batho go atolosa lebogo go gopola ba ba dikobo dikhutswane.
Rre Ponyane a re ke thulaganyo ya Modimo gore go bo go na le masiela, bagodi le ba-na-le bogole, ka a ne a itse gore go na le batho ba ba pelotlhomogi.
E rile a tswa la gagwe, Moeteledipele wa dikereke tsa Apostolic of Muchinjikwa mo Botswana, Rre Onemore Manjoro a re Modimo ke lorato, ka jalo go botlhokwa gore Bakeresete ba supe lorato, le ka go neela.
A re le Baebele e a tlhalosa gore motho o tshwanetse go rata moagisanye ka ene a tlatsa ka gore moagisanye go tewa ope yo o nang le letlhoko lepe fela. Rre Manjoro o kopile bao ba ba atlegileng mo botshelong go gakologelwa ba ba dikobo dikhutshwane ka dinako tsotlhe.
O tlhalositse fa go neela e tshwanetse ya nna maitlamo a mongwe le mongwe, ebile go ka supiwa ka metlhale e mentsi segolo bogolo ka ditiro. A re kereke e tshwanetse ya nna sekao mo sechabeng, ka e kopanya batho ba maemo a a farologanyeng.
Rre Manjoro o ne a kopa badumedi gore ba atolose lebogo, ba supe lorato ka go neela, segolo bogolo bao ba ba tshelang le bone mo motseng. E rile a amogela mpho eo, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ko Old Disana, Rre Botlhale Kgano a leboga ba kereke ya Apostolic of Muchinjikwa go bo ba gopotse batlhoki segolo jang mo nakong e lefatshe le aperweng ke bolwetse jwa COVID-19le tlhoko la madi.
A re batho ka bontsi ba kokonelwa ke manokonoko a COVID-19, ka ba latlhegetswe ke ditiro, fa ba bangwe ba latlhegetswe ke batsadi ba ba neng ba ba tlhokomela ka ntlha ya bolwetse jo.
Rre Kgano a re ba kereke ba supile Sekeresete ka se rotloetsa mowa wa go neela, le lorato mo bathong ka kakaretso, ka dimpho tse di abetsweng batho ba ba sa tseneng kereke eo.
O ne a kgothatsa kereke go tswelela e supa lorato ka go neela a re se se tla thusa le kereke go gola, a tlatsa ka gore o dumela gore dimpho tseo di tlaa thusa bao ba ba di amogetseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : Maun
Event : Kabo dimpho
Date : 16 Feb 2022