Breaking News

Ba Ncaang ba dumalana ka leina la Kgosi

16 Feb 2022

Banni ba Ncaang ba dumalane ka leina la ga Rre Gakebafalatse Molefe go nna ene yo o tlaa tlhatlhamang Kgosi Mokose Modikele.

Morafe o dumalane bosheng, morago ga gore rangwanaagwe Kgosi, Rre Ditshwene Motlhabane a tlhalosetse morafe fa ba ntlo ya bogosi ba dumalane gore Rre Molefe a tlhomiwe go nna kgosi.

A re Rre Molefe, yo e leng ngwana wa ga Kgosi Modikele, ke ene a tlaa tsayang boikarabelo jwa go etelela morafe pele, morago ga gore Kgosi Modikele a tlogele tiro ka bogodi.

Kgosi Merapelo Tshweneyage wa Hukuntsi, o ne a supile fa phuthego e le go tla go amogela leina le le dumalanweng ke morafe, pele a ka le fetisetsa kwa ofising ya ga tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae.

A re Bogosi Act 200 karolo 6, tsetlana 1(2) e fa morafe dithata tsa go itlhophela yo ba eletsang a ka ba etelela pele mme a tlhalosa fa merafe e na le kitso ka bogosi jwa metse ya bone, ebile ke ka moo tiro ya leina la kgosi e nnang e eteletswe pele ke ba ntlo ya bogosi.

Monni wa motse, Rre Tsheme Kabaetela o supile fa ba amogela leina ntle le makgwere ape mme a kopa Kgosi Tshweneyagae go netefatsa gore phetolo ga e diege ka ba tlhoka Kgosi go tla go tsweledisa ditiro tsa morafe.

O gwetlhile morafe go tswelela o tshwaragane jaaka fa go ne go ntse fa go batliwa leina la kgosi, a re go nne fela jalo go fitlha a tlhongwa mo setilong.Rre Kabaetela a re tshwaragano eo, e tlaa thusa bogogi jwa motse go tsamaisa ditiro tsa morafe ka tshosologo le neelano. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mercy Molatole

Location : Ncaang

Event : Phuthego

Date : 16 Feb 2022