Ba batla leruo le sekwa ke dikgosi fela
15 Feb 2022
Banni bangwe ba Molapowabojang ba boleletse lekoko la ga Tautona la go sekwasekwa ga molao motheo gore ba batla molao o fetolwa gore bogodu jwa leruo bo sekwe fela ke magosi eseng kwa makgotleng a ga mmakaseterata.
Ba buile jalo kwa phuthegong ya go tsaya maikutlo kwa kgotleng ya Molapowabojang ka Labobedi.
Modulasetilo wa komiti ya balemi barui ya motse oo Rre Lesole Seleka o ne a tlhalosa gore bontsi jwa dikgang tsa bogodu jwa leruo bo baya barui ka fa mosing ka gore basekisiwa ba itlhophela go seka kwa makgotleng a ga mmakaseterata ebile ba emetswe ke babueledi.
A re ditsheko tse gape di felela mo phefong le lone leruo ga ba itse ko le felelang teng. A re dirukutlhi di utswa dinamane di ise di bewe tshipi,mme le fa bosupi bo papametse barui ba felela ba latlhegelwa ke dikgang ele ka mokgwa o di sekwang ka one.
”A re golo ha go baakanngwe,molao o o nne hela jaaka bogologolo leruo le sekwa ke bogosi.”
Erile a iteela mafoko ao kobo moroko,Rre Basotli Oodira a kopa gore molao o baakanngwe go dirwe gore dikgomo di rekisediwe golo go le gongwehela.
A re se se ka fokotsa borukutlhi ka jaana beng ba marekisetso a nama le bone ba tlaa reka kwa matlhabelong a a rurifaditsweng go sena boferefere bope.
Mothusa kgosi Rre Michael Ratsoma le ene o ne a re nako e tsile ya gore bogodu jwa leruo bo sekwe kwa dikgotleng tsa Setswana. A re go le gantsi barui ba a latlhegelwa ka gore ba palelwa ke go tlhalosa matshwao a leruo kwa makgotleng a ga mmakaseterata. A re dikgang tse gape di tsaya lobaka mme bosupi bo felele mo nyeletse.
Rre Ratsoma gape o ne a kopa gore molao wa matimela o fetolwe boikarabelo jwa dikgomo tsa matimela bo busediwe dikgosi.
A re dikgosi ke tsone di itseng merafe ya tsone le dithotha le matshwao a bone, ka jalo ba ka thusa go batlisisa leruo botoka go na le jaaka go dirwa gompieno.
Mme Ofentse Matlale le ene o ne a re tshetlana ya molao motheo ya borobabongwe e tshwanetse go tokafadiwa ka jaana e fa magodu tshono ya go nyeletsa bosupi go santse go setswe morago thulaganyo ya go phuruphutsha. A re tshetlana eo e apesitse barui kobo ka letshoba ka gore ga e letlelele gore mmelaelwa o ka phuruphudiwa go sena tetla ya go dira jalo.
Rre Clement Mmope ene o ne a ngongoregela gore molao wa sekgoa o filwe bokao le seriti tse di fetang tsa wa Setswana. A re puso e tshwanetse ya nonotsha molao wa Setswana gore o atumele wa sekgoa ka boleng.A re go dira jaana go ka busetsa seriti sa dikgotla le dikgosi.
Le fa go ntse jalo, Moruti Gaolape Mogotsi o ne a supa gore e re ntswa a dumalana le gore dikgosi di okelediwe dithata, o kgatlhanong le gore bogosi bo dirwe karolo ya bone ya puso.
A re fa ele sengwe bogosi bo ka nonotshiwa ka go okelediwa dithata mme jwa laolwa ka ha tlase ga lephata la tsa melao(Judiciary).
E ne e rile a amogela baeng mo kgotleng, Kgosi Kedirile Letshabo a kopa gore bogosi bo dirwe letshego la bone la puso ka jaana le bone ba dira tiro e tona mo setshabeng.
O ne gape a supa fa dikgosi di sena dithata, ka jalo a kopa gore molao fetolwe ba fiwe dithata tse di lekanang le tsa balaodi le bakwaledi ba dikhansele.
Kgosi Letshabo gape o ne a tlhalosa gore thulaganyo e e dirisiwang go tlhopha maloko a ntlo ya dikgosi e kgetholola merafe ka jaana bangwe ba tlhophiwa fa ba bangwe bone ba tsenngwa fela. A re dikgosi tsa merafe yotlhe di tshwanetse go nna maloko a ntlo ya dikgosi.
“A molao motheo o supe gore go na le dikgosi tsa merafe e e farologanyeng, o seka wa bua ka ntlo ya dikgosi hela.” Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : MOLAPOWABOJANG
Event : Commission Review
Date : 15 Feb 2022