Breaking News

A badirela-puso ba lekanyediwe sebaka sa pereko

15 Feb 2022

Monni wa Molapowabojang Rre Mothusi Gaobotse a re badirelapuso ba tshwanetse ba beelwa seelo sa dingwaga tsa pereko di le masome a mabedi le botlhano mme fa ba wetsa dingwaga tseo ba tlamege go tlogela tiro. 

Rre Gaobotse yo o neng a bua kwa phuthegong ya lekoko la tshekatsheko molao-motheo le le romilweng ke Tautona kwa Molapowabojang ka Labobedi, o tlhalositse fa go baa seelo seo go ka patika bagolo go sutela banana mo ditirong, mme go ba thuse go nna le sebaka sa go go leka ditsela tse dingwe tsa botshelo. 

Rre Gaobotse o kaile fa seemo sa letlhoko la ditiro se tshwenya, ka jalo go le botlhokwa gore ditiro tse di sa tseneng mo seatleng tse di leng teng, di amoganwe gore Batswana ba ba santseng ba le mo dingwageng tsa pereko le bone ba kgone go oba lebogo. 

O ne a kopa gore fa molao-motheo o sekasekwa go tsenngwe tsetlana e e tlamang puso go thusa babereki ba ba wetsang dingwaga tsa pereko tse di masome a mabedi le botlhano ka mananeo a a farologanyeng a go simolola dikgwebo, selo se a kaileng fa se ka nonotsha maiteko a go tlhama ditiro ka jaana dikgwebo tsa batho ba go nna jalo di ka boa tsa bula diphatlha tsa mebereko. 

Rre Gaobotse o bile gape a kopa gore khudu-thamaga ya puso e dirwe ka barutegi ba ba nang le dikitso tse di faphegileng, go nale jaaka e agwa ka mapalamente jaaka go ntse mo nakong eno. Se a re se ka nontsha khudu-thamaga sa ba sa e nonotsha ka jaanong tiro e tlaa bo e tshwerwe ke batho ba ba nang le dikitso tse di maleba ebile di tlhokwa ke maphata a ba a eteletseng pele.

 Monni yo mongwe Rre Philimon Kgaodi ene o ne a gakolola gore molao-motheo o nne le tsetlana e e tsenyang lefatshe mo diatleng tsa Batswana ba tlholego. 

A re go a swabisa go bo bontsi jwa lefatshe bo le mo diatleng tsa batho basweu ba a supileng fa bontsi jwa dipolase e le tsa bone.

Dr Edwin Dikoloti, yo a leng mopalamente wa Mmathethe-Molapowabojang ene o ne a thalosa fa go le botlhokwa gore letsatsi la ditlhopho le tsenngwe mo molao-motheong.

O boletse fa se se ka thusa mo go reng lefatshe le ipaakanye le bo le ithulaganyetse go tshegetsa ditlhopho fa nako ya tsone e tla.

Go sale foo, Dr Dikoloti o ne a tlhalosa fa molao-motheo o o betlegileng sentle o tshwana le letlapa le le tlhwatlhwa-kgolo, mme ebile a supa fa wa lefatshe la Botswana o ntse jalo. 

O kaile fa go kgaoganya meamuso ya lefatshe segolo jang ya ditsa-tlholego ka tekatekano mo tŝhabeng ya lefatshe leno e le selo se sentle se se tswang mo molao-motheong, se ebileng se rotloetsa popagano ya setshaba.

A re ntle le thulaganyo ya mothale o, go ikgagapelela meamuso ke batho ba dikgaolo tse e fitlhelwang mo go tsone go ne go ka bo go fetogile selo modiro ebile go ne go ka baya Batswana ba le bantsi ka fa mosing. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MOLAPOWABOJANG

Event : Commission Review

Date : 15 Feb 2022