Go itlhatlhobela mogare wa HIVAIDS go wetse tlase
15 Feb 2022
Mooki yoo belegisang go tswa kwa kokelwaneng ya Letlhakeng, Mme Keofe Sedimo a re fa e sala mogare wa COVID-19 o tlhagoga, batho ga ba sa tlhole ba itlhatlhobela mogare wa HIV ka bontsi.
O buile se kwa moletlong wa dijo tsa maitseboa oo neng o diretswe baratani ba ba itlhatlhobetseng mogare wa HIV/AIDS mmogo kgwedi eno e le lesome le bone ya tsatsi la baratani kwa Letlhakeng.
O supile fa ngogola ka kgwedi ya Hirikgong go fitlha ka Sedimonthole go itlhatlhobile baratani ba le barataro mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, mme a supa fa dikokelwana tse di fang ditirelo tsa go tlhatlhobela mogare di le masome a mabedi le bone go balelwa le sepatela sa Thebephatshwa.
Mooki o tlhalositse fa go le botlhokwa gore baratani ba itlhatlhobele mogare botlhe ka go se bonolo gore ba ipolelelane.
O boletse gape gore mo letsholong le ba ntseng ba le boloditse go tlhatlhobela mogare wa HIV go itlhatlhobile bakapelo ba le lesome le bongwe fela, selo se a bolelang se tshwenya fela thata.
Mme Sedimo o kopile gore fa go na le yoo tshwerweng ka mogare a tsee kgato go sale gale gore go a bone ditlamelo.
Mo mafokong a gagwe, mogolwane wa tsa botsogo kwa Letlhakeng Rre Kennedy Dintwe o tlhalosiwa fa kgwedi ya Tlhakole e itsege e le kgwedi ya lorato lefatshe ka bophara.
A re letsatsi la Tlhakole a le lesome le bone le ipelelwa e le la baratani.
O supile fa lerato e le selo se motho mongwe le mongwe a se ikutlwelang go tswa mo mothong yo mongwe. Rre Dintwe o supile gape fa lerato le ka ipelelwa ka go rata batsadi le bana.
O kopile baratani gore fa ba itlhatlhobile, maduo a bone a sa tshwane ba itshekatsheke go bona gore ba ka tshela jang mmogo go ya pele.
Fa a a fa bopaki, mongwe wa bakapelo ba ba itlhatlhobileng, Rre Wadingwaga Mokala o ne a tlhalosa fa go itlhatlhoba go ba thusitse go itse seemo sa bone.
Rre Nelson Thari yo le ene a itlhatlhobileng o supile fa ba ne ba bodiwa gore ba ikutlwa jang fa ba ile go itlhatlhoba mme ba tlhalosa fa ba siame go itse seemo sa bone.
Rre Thari o ne a nopola mafoko a lerato mo lekwalong le le boitshepo la bakorinta wa ntlha kgaolo ya lesome le boraro, temang e le ya bone a a reng “lerato le itshoka ka pelotelele, le pelonomi, lerato ga le pelotshetlha, ga le ke le ikgantsha gape ga le mabela.”
Mme Boitumelo Sam ene o ne a tlhalosa fa go itlhatlhoba o le nosi go sa siama ka gore fa o tshwarwa ke mogare o ya go tshaba go bolelela mokapelo wa gago le gone go tshaba go ya go tsaya ditlamelo.
Fa a leboga, mothusa molaodi wa kagolo potlana ya Letlhakeng, Rre Mosipidi Mokgolele o ne a supa fa mongwe le mongwe a na le seabe mo loratong, a supa fa batho ba ba nyalaneng ba tlamega go diragatse se Modimo a se ba laoletseng. O supile fa monna a tlamega go rata mosadi wa gagwe fa mosadi ene a tlamega go tlotla monna wa gagwe.
O kopile borre go fa bomme ba bone madi kgwedi le kgwedi gore ba itlhokomele, a bo a leboga barulaganyi ba tiro eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Letlhakeng
Event : Moletlo
Date : 15 Feb 2022