Nxaraga o tlhagisiwa ka kubu
15 Feb 2022
Banni ba motse wa Nxaraga kwa kgaolong ya Ngamiland ba tsibositswe go ela thoko kubu e e bonweng mo motseng.
Mo potsolotsong, Kgosi Gaolathe Kgosigaenyatswe wa Nxaraga o tlhalositse fa ba tlhasetswe ke kubu e tsamayang mo motseng bogolo jang bosigo.
O boletse fa ba setse ba kuetse mokgosi ko go ba lephata la diphologolo ba ba neng ba rotloetsa banni gore ba ikele tlhoko mme ba seka ba lwantsha kubu e.
O kopile banni gore ba tlhokomele bana ebile ba netefatse gore fa letsatsi le phirima ba boela malwapeng. Kgosi Kgosigaenyatswe o tlhalositse fa motse wa Nxaraga o ngoka diphologolo tsa naga ka go farologana ka ntlha ya gore o ntse fa diphologolo di tlhatlogelang teng fa di ya go nwa metsi kwa nokeng.
O tsweletse ka go supa fa kubu e e le e kgolwane mme go belaesega e lole le e ngwe e kgolwane e e marapo ka jalo ya e koba mo lesakeng.
A re diphologolo tsa naga di nna borai thata mo bathong fa ba di lwantsha ka di leka ka methale yotlhe go iphemela ka jalo o kopile banni gore ba fokotse go tsamaya bosigo segolo bogolo ba malwapa a gaufi le noka.
A re o lebogela gore go fitlha ka jaana kubu e ga ya golafatsa ope lentswa e bonala gangwe le gape.Kgosi Kgosigaenyatswe o tlhalositse fa go nale lekadiba le le tumileng thata mo Nxaraga le le sa kgaleng ka jalo le oka diphologolo go tswa kgakala..
O buile fa go twaelesegile gore dikubu di bonwe gangwe le gape kwa nokeng a tlatsa ka gore se ga se makatse ka di a bo di batla ko di ka nwang metsi.
Le fa go ntse jalo, o supile fa diphologolo di ba tshosa fa di tswa kwa nokeng di tla go saila mo motseng kwa batho ba leng teng a re se se ka nna diphatsa mo bathong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : NXARANGA :
Event : Potsolotso
Date : 15 Feb 2022